Dinokwe

Go tswa ko Wikipedia

Dinokwe (Palla Road) ke motsana o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motse o , o na le batho ba le sekete le makgolo a mabedi go ya ka palo batho ya ngwaga wa dikete tse pedi. O bapile le tsela e kgolwane ya toropo kgolo Gaborone le ya toropo ya bobedi ya Francistown. Dinokwe o na le setaishane sa dikgomo se se didiwang ka sekgoa gotwe cattle railway station. Didirisiwa tse di phunyang metsi ka fa tlase ga lefatshe mo Botswana, di kwa Dinokwe. Pele ga porojeke ya Bokone ya carrier, motsana o o ne o abela motse wa Mahalapye (o o nang le batho ba le dikete tse di masome a mane le makgolo a mabedi) metsi. Motse o o gaufi le Sekaka sa Kgalagadi ka jalo o mogote.Megobe e e mo motseng e a kgala fa e se paka ya dipula. Mo dinakong tse di fetileng lefelo la magala mo Borwa jwa Aferika bo ne jwa bonwa dikilomethara di le lesome le botlhano go tswa mo Dinokwe.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana Mahalapye

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

[1]


Coordinates: 23°26′S 26°41′E / 23.433°S 26.683°E / -23.433; 26.683

  1. http://tn.wikipedia.org/wiki/Dinokwe