Ditlhopho tsa 1965 tsa Bechuanaland

Go tswa ko Wikipedia

Ditlhopho tsa sechaba di ne tsa tshwarwa mo Bechuanaland Protectorate ka ngwaga wa 1965, kgwedi ya Mopitlo e tlhola gangwe, e le ditlhopho tsa ntlha tsa ditshwanelo tsa go tlhopha.[1] Maduo a ne a supa phenyo ya ba Bechuanaland Democratic Party,[2] mme Seretse Khama ya nna ene tonakgolo. Morago ga ditlhopho, lefatshe le na la ikemela ka nosi ka leina la Botswana ka ngwaga wa 1966 kgwedi ya Lwetse e le malatsi a a masome marataro, Khama a nna ene tautona ya lone.

Letsholo la go ipapapatsa[fetola | Fetola Motswedi]

Ditlhopho di ne di emetswe ke diphathi tse tharo tse ditona [3] ebong; Bechuanaland Democratic Party e e neng e eteletswe pele ke Khama, Bechuanaland People's Party e eteletswe pele ke Philip Matante le Bechuanaland Independence Party e gogiwa ke Motsamai Mpho. Go ne go na le o o neng a ikemetse ka nosi, G.E.N Mannathoko, o o neng a eteletse bophirima jwa Tati.[4] Mo kgaolong ya botlhophi ya Lobatse le Barolong, go ne go na le baemedi ba phathi ya Bechuanaland People's Party ba le babedi, o mongwe wa bone a emetse lephata la ga Motsete.[4]

Le ntswa go ne go amogetswe gore BDP e ka fenya motlhofo, go ne go na le kgatlhego ka ditlhopho tse. Phathi ya BDP e ne e bonwa ele phathi e e nang le baeteledipele le melao e e utlwalang fa e bapisiwa le baeteledipele ba diphathi tse dingwe ba ba neng ba gogagogana ka dinako tsotlhe.[1] Baemedi ba BDP ba le bararo ba ne ba tlhophiwa ba sa ganediwe ke ope kwa Gantsi, Kgalagadi le bophirima jwa Kweneng.[4]

Maduo[fetola | Fetola Motswedi]

Phathi Palo ya ba ba tlhophileng % Ditilo
Bechuanaland Democratic Party 113,167 80.38 28
Bechuanaland People's Party 19,964 14.18 3
Bechuanaland Independence Party 6,491 4.61 0
Bechuanaland People's Party (ya lekalana la ga Motsete) 377 0.27 0
Ba ba ikemetseng 789 0.56 0
Ba ba sa emang ka tlhamalalo 4
Dipalo tsotlhe 140,788 100.00 35
Palo ya ba ba tsileng ba ne ba ikwadisitse 175,042
Motswedi: Nohlen et al

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 Botswana: The 1965 Pre-Independence General Election EISA
  2. Nohlen, D, Krennerich, M & Thibaut, B (1999) Elections in Africa: A data handbook, p113 ISBN 0-19-829645-2
  3. Gossett, CW, and Lotshwao, K., 2009, Report on the 1965 General Election and the 1966 Local Government Election, Botswana Notes & Records, Vol. 41, pp.47-63
  4. 4.0 4.1 4.2 Botswana Election Results Election Passport