Ditshwanelo tsa baratani ba bong bo le bongwe mo Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Basadi ba ba ratanang le basadi ba bangwe, banna ba ba ratanang le banna ba bangwe, ba ba kgatlhegelang basadi le banna le ba ba fetotseng bong mo lefatsheng la Botswana ba lebanwe ke dikgang tsa molao tse di iseng di itemogelwe ke ba ba ratanang le ba bong jo bo sa tshwaneng le jwa bone. Go ratana ka bong ga banna le ga basadi go sa le go nna mo molaong mo lefatsheng la Botswana ka ngwaga wa 2019 kgwedi ya Seetebosigo e le malatsi a le lesome le motso morago ga tumalano ka bongwefela jwa pelo ga kgotla tshekelo ya Botswana ka kgwedi ya Ngwanatsele e le malatsi a le masome a mabedi le boferabongwe, ngwaga wa 2021.[1] [2]


Mo dingwageng tsa mo bosheng, lekgotla la go ratana ka bong le simolotse go nna mo pontsheng le go amogelesega mo sechabeng sa Botswana.[3] Kgotla tshekelo ya Botswana e ntse e le tshoso e rweleng mo ditshwanelong tsa baratani ka bong mo lefatsheng. Ka ngwaga wa 2016, e ne ya laola puso go kwadisa mokgatlo wa konokono e bong LEGABIBO wa go ratana ka bong bo le bongwe, Ka 2017 e ne ya laola gore batho ba ba iphetotseng bong ba na le ditshwanelo tsa go fetola bong jwa bone jwa semmuso.[4] Ka ngwaga wa 2019, e ne ya kgemetha melao ya bogologolo e e neng e thibela go ratana ka bong, mme ya laola gore tlhakanelo dikobo, go ya ka karolo ya boraro ya molao motheo wa Botswana, e tshwanetse go ranolwa go akaretsa metlhale ya tlhakanelo dikobo. Go thibelwa pereko ka ntlha ya mofuta wa tlhakanelo dikobo ya motho go ileditswe mo Botswana fa e sale ka ngwaga wa 2010, se se dira gore Botswana e nne lengwe la mafatshe a le mmalwa fela mo Aferika a a sireletsang batho ba ba ratanang ka bong bo le bongwe.


LEGABIBO ke setlhopha sa konokono se se lwelang ditshwanelo le go rotloetsa kitso le kamogelo ya baratani ba bong bo le bongwe.

Molao wa go letlelela tlhakanelo dikobo ya bong bo le bongwe[fetola | Fetola Motswedi]

Tlhakanelo dikobo ya bong bo le bongwe e letleletswe ka fa molaong ka kgwedi ya Seetebosigo e le malatsi a le lesome le motso ka ngwaga wa 2019. Pele, tlhakanelo dikobo ya mofuta o e ne e sa letlelelelwe, motho wa go nna jalo a ka atlholelwa dingwaga di le supa mo toronkong. Molao o o iletsang tlhakanelo dikobo ya mofuta o e ne e ama basadi le banna. Kwa tshimologong o ne o dirisiwa mo banneng fela, mme kgotla tshekelo ya Botswana ya bona fa se ele kgethololo, mme ya laola gore molao o o dirisiwe le mo basading.[5]


Le ntswa tlhakanelo dikobo ya bong e ne e se ka fa molaong go fitlhelela ka Seetebosigo ngwaga wa 2019, [6] go atlholwa ga bone go ne go a diragadiwe kgapetsakgapetsa go ya ka kgatiso ya ngwaga wa 2004.[7]


Ka kgwedi ya Mopitlo e le malatsi a le masome a mararo, ngwaga wa 2016, khansele ya toropokgolo Gaborone e ne ya dumalana ka bongwefela jwa pelo go phimola molao o o iletsang tlhakanelo dikobo ya batho ba bong bo le bongwe.

Moithuti kwa Mmadikolo, Letsweletse Motshidiemang, e ne ele ene mosekisi o o neng a eteletse pele tsheko ya go letlelela go ratana ka bong bo le bongwe mo Botswana. Ka Ngwanatsele ngwaga wa 2017, lekgotla la LEGABIBO le na la atlega mo go ikopeleng go nna bontlha bongwe jwa tsheko e ele mo tsaya karolo. Kgetsi e, e ne e leka go supa fa dikarolo tsa molao motheo wa Botswana tsa 164(a) le 167 di se ka fa molaong ka di kgoreletsa ditshwanelo tsa moithuti o o tsa go lwela kgololesego, tshwanelo ya sephiri, le tshwanelo ya go dirisa mmele wa gagwe ka fa a bonang go tshwanela ka teng. Le fa go tse jalo, mothusa mmueledi wa kakaretso o ne a tlhalosa fa dikarolo tse di le ka fa molaong ka go nne di itsa mekgwa mengwe ya tlhakanelo dikobo e e ka diragadiwang ke batho botlhe, ba ba ratanang ka bong bo le bongwe le ba ba ratanang le ba bong jo bo sa tshwaneng le jwa bone, ka jalo melao e o e sa kgetholole ope. Kgotla tshekelo e nne e solofetswe go reetsa kgang e o ka ngwaga wa 2018 kgwedi ya Motsheganong e le malatsi a a masome a mararo le bongwe. Kgetsi e o e ne ya tlosolosiwa gape. Ka kgwedi ya Morule e le malatsi a marataro ngwaga ya 2018, kgotla tshekelo e ne ya tlosolosa kgang e go e isa kwa ngwageng wa 2019, kgwedi ya Mopitlo e le lesome le bone. Ba lwela ditshwanelo tsa batho ba ba ratanang ka bong ba ne ba tsisa mabaka a bone fa pele ga kgotla mme ba neelwa letsatsi la Seetebosigo a le lesome le motso go reetsa katlholo.


Ka Seetebosigo a le lesome le motso, kgotla tshekelo e ne ya letlelela tlhakanelo dikobo ya bong bo le bongweka go dumalana ka mogopolo o le mongwe gore karolo 164 ya molao motheo wa Botswana ga e ka fa molaong. Katlholo e ne ya amogelwa ke pathi e e mo pusong ya Botswana Democratic Party. Moatlhodi Michael Leburu o ne a tswelela ka gore "melao ya go nna jalo e tshwanelwa ke go nna kwa matlotlong le mabokelong a ditso e seng mo lefatsheng".


"Seriti sa setho se a amega fa ditlhopha tse di potlana di kgaphelwa thoko" ...


Ka ngwaga wa 2019, kgwedi ya Phukwi, puso ya Botswana e na ya ikuela kwa kgotla tshekelong kgatlhanong le katlholo e. Moatlhodi mogolo Abraham Keetshabe a tlhalosa fa kgotla tshekelo e dirile phoso mo go letleleleng molao o, mme a se ka a tlhalosa go ya pele. Lekgotla la LEGABIBO le balwela ditshwanelo tsa batho ba ba ratanang ka bong ba ne ba bolela fa ikuelo e e le matlhabisa ditlhong e bile e supa go tlhoa batho ba ba ratanang ka bong bo le bongwe le ba ba fetotseng bong. Ikuelo e e ne ya ganwa ka Ngwanatsele a le malatsi a le masome mabedi le boferabongwe ngwaga wa 2021, fa tautona yo o ithotseng marapo wa kgotla tshekelo ya ikuelo Ian Kirby a ne a kwala gore melao e e sa letleleleng go ratana ka bong e fitilwe ke tiriso ya one, mme ebile e rotloetsa ba molao go tsuolola ditshwanelo tsa Batswana.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Fox,Kara. (2019-06-11) "Botswana scraps gay sex laws in big victory for LGBTQ rights in Africa". CNN. Retrieved 2019-06-11
  2. "Botswana decriminalises homosexuality". BBC. 2019-06-11.Retrieved 2019-06-11.
  3. Batswana warm up to gays, study shows 11 March 2016
  4. Botswana High Court postpones ruling on decriminalizing gay sex (2019-03-14). Gay Star News. Retrieved 2019-03-15.
  5. Marusic,Kristina 2/22/2017 "Why More And More Countries Are Making It Illegal To Be A Lesbian Or Bi Woman". LOGO News
  6. Powys Maurice, Emma. (11 June 2019)."Botswana LGBT activists present arguments to decriminalise gay sex". Pink News. Retrieved 11 June 2019
  7. Mookodi,Godisang.(2004). Botswana.Continuum Complete International Encyclopedia of Sexuality.