First People of Kalahari (FPK)

Go tswa ko Wikipedia

[1]First People of the Kalahari (FPK) e ne le mokgatlho wa bobueledi mo Botswana o o bereketseng ditshwanelo tsa letso la Sesarwa ka tlholego ba ba neng ba neng ba patelediwa ke goromente wa Botswana go ya go nna kwa toropong e ntsha ya New Xade. Mokgatlho o o simolodisitswe ka ngwaga wa 1991, o o kwadisitsweng ka ngwaga wa 1992 a bo o lemogesega ka ngwaga wa 1993. Roy Sesana o ne a nna moeteledipele ka ngwaga wa 1995 o a neng a di goga kwa pele ka boeteledipele wa mokgatlho. Sesana gammogo le mokgatlho wa FPK ba ne ba fiwa seetsele sa Right Livelihood ka ngwaga wa 2005. FPK e ne ya phatlalala e le mokgatlho ka ngwaga wa 2013[2].

Roy Sesana o itsege gape ele Tobee Tcori- leina la gagwe la Sesarwa. Ke moeteledipele wa letso la 'Sesarwa' la Gana, Gwi le Bakgalagadi. Ka jalo ke mongwe wa baeteledipele ba ba bueledi ba ba utlwalang. O tshotsweletswe mo morafeng wa letso la Sesarwa, Molapo, mo Botswana, kwa tlase ga dingwaga tse di masome a matlhano ( 50 years ago)- ga a itse gone tota dingwaga tsa gagwe. O ne a nna dingwaga di mmalwanyana e le mmereki kwa Aferika Borwa pele a boela kwa Central Kalahari ka ngwaga wa 1971, go ithutela bongaka jwa Setswana.[3]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Hitchcock, Robert K. (2002). "'We are the First People': Land, Natural Resources and Identity in the Central Kalahari, Botswana". Journal of Southern African Studies. 28 (4): 797–824. doi:10.1080/0305707022000043520. S2CID 146291403.
  2. Ndahinda, Felix Mukwiza (2011). "Introduction: Indigenous Identity in Africa". Indigenousness in Africa. pp. 1–13. doi:10.1007/978-90-6704-609-1_1. ISBN 978-90-6704-333-5.
  3. Dube, Smile (2004). "Reviewed work: The Inconvenient Indigenious: Remote Area Development, Donor Assistance, and the First People of the Kalahari, Sidsel Saugestad". Africa Today. 51 (1): 133–136. JSTOR 4187641.

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]