Gaositwe Chiepe

Go tswa ko Wikipedia
Gaositwe Chiepe
Minister of Trade and Industry
In office
1977–1984
Tona wa tsa mafatshe a sele
In office
1984–1994
Tona wa thuto
In office
1994–1999
Ka Ga Ena
O tsetswe (1922-10-20) 20 October 1922 (age 101)
Mosetshaba waMotswana
MokgatlhoBotswana Democratic Party
BonnoBotswana

Gaositwe Keagakwa Tibe Chiepe(o tshotswe 20 Phalane 1922).[1][2] E ne e le lepolotiki le moemedi wa Botswana ko mafatsheng a sele wa pele wa Domkrag (Botswana Democratic Party). O nneli moemedi mogolo wa Botswana ko mafatsheng a a latelang,United Kingdom, Nigeria, West Germany,France,Denmark, Norway, Sweden le Europe Economic Community.[3] O ne a nna tona ya tsa Kgwebo le Madirilo ka 1977, ka 1984 a nna tona ya tsa Mafatshe a Sele. Morago a nna Tona ya tsa Thuto go tswa 1994 go ema ka 1999.

Botshelo jwa Bonyana[fetola | Fetola Motswedi]

Chiepe o tshotswe mo Bechuanaland Protectorate ( Botswana mo bo gompienong) ka 20 Diphalane 1922. Botsadi e ne e le Moruti[2] Tibe Chiepe le mme S.T. Chiepe(nee Sebina). Rraagwe o tlhokafetse a sa le monana, mme ba masika ba ne ba batile go re a tlogele sekole gore a nyalwe, mmaagwe a ganana le mogopolo wa nyalo a patika gore a tswelele le sekolo go tsweledisa dithuto tsa gagwe. Chiepe o amanya tswelelo pele ya bodiridi jwa gawe le mmaangwe yo o neng a patika gore a rutege.

Dithutego[fetola | Fetola Motswedi]

O tsene sekolo se sebotlana mo Serowe a tloga a ya go se segolwane sa Tiger Kloof Educational Institute kwa Aferika Borwa morago ga go amogela thotloetso ya go ya ithuta ele moithuti yo o gaisiteng mo Botswana[4]. Morago one a tsena sekolo sa Fort Hare University e ntse ele mo Aferika Borwa mo a neg a dira dithito tsa Bachelor of Science ga mmogo le tsa post Graduate Diploma in Education [3][5].

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Index Ch". www.rulers.org. Retrieved 15 September 2017.
  2. 2.0 2.1 "Dr. Gaositwe Chiepe". KnowBotswana. Retrieved 22 May 2021.
  3. 3.0 3.1 7 famous female Bristol Alumni you should know". Epigram. 8 March 2019. Retrieved 1 October 2019.
  4. Gaoitsewe Thipe Chiepe
  5. https://www.weekendpost.co.bw/25773/columns/celebrating-our-heroes-and-heroines-dr-gaositwe-chiepe/