Jump to content

Gomolemo Motswaledi

Go tswa ko Wikipedia
Gomolemo Motswaledi
Tautona wa Botswana Movement for Democracy
In office
29 April 2011  30 July 2014
Morago Ga GagweNdaba Gaolathe
Mokwaledi wa Umbrella for Democratic Change
In office
2013–2014
Morago Ga GagweNdaba Gaolathe
Mokwaledi wa Botswana Democratic Party
In office
July 2009  August 2009
Pele Ga GagweJacob Nkate
Morago Ga GagweThato Kwerepe
Modula setilo wa Botswana Democratic Party Youth Wing
In office
2000–2004
Pele Ga GagweLesang Magang
Morago Ga GagweKefentse Mzwinila
Ka Ga Ena
O tsetswe19 June 1970
Mahalapye
O TlhokafetsePhukwi 30, 2014(2014-07-30) (aged 44)
PolokeloSerowe
Mosetshaba waMotswana
MokgatlhoBotswana Movement for Democracy
Alma materUniversity of Botswana
TiroPolitician Music composer

Gomolemo Thatayaone Motswaledi (1970-2014) e ne e le mopolotiki wa Botswana le modiri wa mmino yo o le mongwe wa batlhami ba Botswana Movement for Democracy ka 2010. Gomolemo Motswaledi gape ke motlhami wa Umbrella for Democratic Change gape o dirile e le mokwaledi wa yone wa ntlha go fitha ka leso la gagwe ka 2014.[1]

Motswaledi o simolotse tiro ya gagwe ya sepolotiki kwa Botswana Democratic Party a na le seabe se segolo mo go tlhomeng setheo sa lekoko se se itsegeng ka leina la GS-26 fa a ne a le moithuti kwa yunibesithing ya Botswana. Moragonyana o ne a direla mo komiting potlana ya BDP pele ga a tlhophiwa go nna Modulasetulo wa khuduthamaga ya Basha ya Bosetšhaba fa gare ga 2000 le 2004. O ne a tlhophiwa go nna mokwaledi-mogolo wa lekoko ka 2009 mme o ne a tlosiwa mo maemong ao ka bonako fela morago ga go emisiwa malatsi a le masome marataro mme kwa bofelong dingwaga di le tlhano ke tautona Ian Khama ka nako ya fa dintwa tsa ditlhopha tsa makoko di ne di le kwa godimo.

Ka ga gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Motswaledi o tshotswe ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le lesome le boferabongwe ka ngwaga wa 1970 kwa Mahalapye, Botswana. O godiseditswe le go tsena sekolo kwa Serowe. O dirile Tirelo ya gagwe ya Bosetšhaba (Tirelo Sechaba) kwa Shakawe, mme a amogela digerata ya Bachelor ya Maranyane mo thutong ya Sociology le Ditso kwa Yunibesithing ya Botswana.

Motswaledi o tlhokafetse mo kotsing ya koloi ka Phukwi a le masome mararo ka 2014.[2][1][3][4]

Tiro ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Ngwaga wa ntlha kwa Yunibesithing ya Botswana o ne a tsenelela lekala la baithuti ba Yunibesithi la Botswana Democratic Party (BDP), la GS26 e le Ramatlotlo mme morago a nna modulasetilo wa lone
  • Tautona wa lekgotla la banana la BDP
  • O tsene mo Lephateng la Badiri le Merero ya Selegae jaaka Motsamaisi wa Setso
  • O ne a tsenelela Yunibesithi ya Botswana e le motsamaisi go fitlha a tlhokafala
  • Ka kgwedi ya Phukwi 2009 o ne a nna Mokwaledi Mogolo wa Komitikgolo ya Botswana Democratic Party
  • Ka Phatwe 2009 o ne a isa Tautona kwa kgotlatshekelo mme a latlhegelwa ke ditshenyegelo
  • Ian Khama, Tautona wa nako eo wa Botswana Democratic Party o ne a mo kgaola mo phathing ya BDP dingwaga di le tlhano mme a gogela morago bontlhopheng jwa gagwe jwa bopalamente jwa Gaborone legare
  • 2010 baeteledipele ba BDP ba ne ba leka go mo tswalela mo kgolegelong ya selegae mme Batswana ba mo pholosa ka go duela sekoloto sa gagwe
  • Mopitlo 2010-Lekoko la BDP la Barata Phati le kopane kwa Mogoditshane mme ba dumalana go tswa mo lekokong
  • Motsheganong a le masome mabedi le boferabongwe ka 2010 Lekoko le le kgaoganeng la BDP la Botswana Movement for Democracy le simolodisitswe semmuso
  • Motswaledi o ne a nna Mothusa Modulasetilo wa nakwana wa BMD mme morago a nna Modulasetilo wa nakwana
  • O tlhophilwe go nna Tautona wa ntlha wa BMD
  • Ka 2012 go ne ga tlhamiwa Umbrella for Democratic Change (UDC) mme o ne a nna Mokwaledi mogolo wa ntlha wa yone
  • 2014 Phukwi a le masome mabedi-Kokoano ya ntlha ya Serowe UDC e mo tlhophile go nna mothusa tautona
  • Phukwi a le masome mararo ka 2014 o ne a tlhokafala mo kotsing ya koloi[5]

Gomolemo Motswaledi o fitlhilwe ka Labotlhano, kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi a robabobedi 2014, kwa motseng wa gaabo wa Serowe.

  1. 1 2 "Gomolemo Motswaledi passes on". Botswana Daily News. Radio Botswana. 30 July 2014. Archived from the original on 23 September 2015. https://web.archive.org/web/20150923212614/http://www.dailynews.gov.bw/news-details.php?nid=13332. Retrieved 30 July 2014.
  2. "President Khama election rival killed in car accident". Bulawayo24 News. 30 July 2014. Retrieved 20 Phalane 2025.
  3. "Gomolemo Motswaledi killed?". Bulawayo24. Bulabayo24. 3 August 2014. Retrieved 20 Phalane 2025.
  4. "Was Gomolemo Motswaledi killed?". Botswana Guardian. Botswana Guardian. 3 August 2014. Archived from the original on 8 August 2014. Retrieved 20 Phalane 2025.
  5. "Behind a successful man there is a woman". The Voice. 24 December 2010. Archived from the original on 10 August 2014. Retrieved 20 Phalane 2025.