Umbrella for Democratic Change
Umbrella for Democratic Change (UDC) ke lekgotla la sepolotiki le le kopantseng diphathi tsa kganetso.[1]
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]UDC e simolotswe ke maloko a diphathi tsa kganetso tse di farologaneng, di akaretsa BPP le BMD ka ngwaga wa ketepedi , lesome le bobedi (2012) kgwedi ya Ngwanatsele. Diphathi tsa Botswana National Front (BNF), Botswana Movement for Democracy (BMD) le Botswana People's Party (BPP) di ne tsa ikopanya ka maikemisetso a go kopanya kganetso mo ditlhopong tsa ngwaga wa ketepedi, lesome le bone (2014). Ka ngwaga wa ketepedi , lesome le bosupa (2017). Kgwedi ya Tlhakole, Botswana Congress Party (BCP) e e neng e e ikemetse ka ditlhopho tsa ngwaga wa ketepedi lesome le bone (2014), e ne ya nna leloko la kgolagano e. Kgolagano e e eteletswe pele ke rre Duma Boko go tswa kwa BNF, e ne ya ema kgatlhanong le Botswana Democratic Party ka ntlhopheng a le mongwe mo kgaolong nngwe le nngwe ya botlhopi.[2]
Kgolagano ya diphathi tsa kganetso e ne ya fa phathi e e nang le lobaka e busa ya BDP phadisano e e neng e le lantlha e diragala, mme le fa go ntse jalo BDP e ne ya fenya ditlhopho tse di neng di tshwere ka kgwedi ya Phalane e ele malatsia le masome a mabedi le bone ngwaga wa 2014. Sephatlo sa bone sa tlhopo, se se kgonneng go fenya ditilo di le masome a mararo le bosupa se ne sa ba letla go tswelela ba nna le palo e ntsi ya ba ba tlhophilweng go ya palamenteng, le ntswa di ne di le palo potlana fa go tshwantshanngwa le ditlhopo tse di fetileng.[3]
Lekoko la UDC lene la fenya ditilo di le lesome le bosupa, Botswana Congress Party ya fenya di le tharo.[3] Rre Ian Khama o ne a tlhophiwa gape go tswelela a busa dingwaga tse dingwe tse tharo.
Ka kgwedi ya Phalane ngwaga wa ketepedi, lesome le borobabobedi (2018), BMD e ne ya kgapelwa kwa thoko mo bokopanong bo morago ga gore e gane go tlogela dikgaolo tse tharo tsa botlhopi tse e neng e di neetswe.[4][5]
Morago ga ditlhopo tsa ngwaga wa ketepedi, lesome le borobabongwe (2019), rre Duma Boko o ne a tlhalosa fa go nnile le go tlhoka go tsamaisiwa sentle ga ditlhopo.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Mawarire, Teldah (23 October 2014). "We're on the government's hit list - Botswana opposition leader". Mail and Guardian. Retrieved 28 October 2014.
- ↑ "Botswana opposition groups unite to challenge ruling BDP", Reuters, 3 February 2017.
- 1 2 "Elections Botswana". Elections Botswana. Retrieved 26 May 2020.
- ↑ UDC kicks out BMD, at last… Weekend Post, 29 October 2018
- ↑ Botswana: Lowest levels of registration undermine elections APA News, 14 January 2019