Isaac Makwala

Go tswa ko Wikipedia
Isaac Makwala
Makwala in 2015
Personal information
NationalityBotswana
Born (1985-09-24) 24 September 1985 (age 38)
Tutume, BotswanaBotswana
Height1.85 m (6 ft 1 in)
Weight78 kg (172 lb)
Sport
CountryBotswana
SportAthletics
Event(s)200 metres, 400 metres
ClubFrancistown Athletics Club

Isaac Makwala (o tshotswe ka 24 Lwetse 1985). Ke motabogi wa mabelo a makhutswane (sprinter) wa Botswana, yoo tlwaelesegilemg ka lebelo la 400metres.

Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Rre Makwala e ne e le mofenyi wa seetsele sa gauta ka kgaisano ya Commonwealth 2018. O fentse dikgaisano di le mmalwa di tshwana le 2015 African Games le African Championships in Athletics, tse a di fentseng gabedi (2012, 2014). Isaac Makwala o emetse lefatshe la Botswana makgatlho a le mmalwa e leng ka 2016 kwa dikgaisanong tsa Summer Olympics, gararo kwa dikgaisanong tsa Commonwealth Games, le gatlhano kwa go tsa World Championships in Athletics (2007, 2009, 2013, 2015, 2017). O tsere karolo gape fa setlhopha sa borre sa Botswana se fenya seetsele sa bronze kwa Tokyo 2020, le ka 2017 IAAF World relays ko dikgaisanong tsa African Games and Championships.


Nako ya gagwe e khutshwane e a kileng a e gatisa kwa dikgaisanong ke metswotswana e le 43.72, ka kgwedi ya Phukwi ale 5 ka ngwaga wa 2015 kwa Chaux-de-Fonds. Nako e gape, e ne e mo fa maemo a African continental record e bile a mmaya mo maemong a boferabobedi ja batabogi ba ba bofefo ebile gape e le maemo a bobedi mo go ba eseng ba letso la America. Isaac Makwala o gaisana gape ka lebelo la 200m.


E rile ka kgwedi ya Phikwi e tlhola malatsi a le lesome le bone ka 2017 (14 July 2017), Isaac Makwala ya nna ene rre wa ntlha mo distong go taboga lebelo la 200m metsotso e le masome a mabedi (20 seconds) le lebelo la 400m metsotso e le masome a mane le bone (44seconds) mo letsatsing le lengwe fela, mabelo a tsenwa ke nako ya selekanyo sa oura tse pedi le metsotso e masome a mabedi fa gare kwa Atletismo Madrid. O ne a taboga selekanyo sa 19.77s mo lebelong la 200m, mme mo go la 400m a taboga selekanyo sa 43.92s.

Isaac Makwala o ne a iteka lesego mo kgaisanyong ya 2020 Summer Olympics ka lebelo la 400m kwa a neng a fetsa mo maemong a bosupa kwa legatong la makgaolakgang.

References[fetola | Fetola Motswedi]

External links[fetola | Fetola Motswedi]