Jabu Khanyile

Go tswa ko Wikipedia
Jabu Khanyile
Tsalo(1957-02-28)28 Tlhakole 1957
Leso12 Ngwanatsele 2006(2006-11-12) (aged 49)
Dingwaga tsa a le mo tirongearly 1980s–2006

Jabu Khanyile o neng e le moopedi wa mo Aforika Borwa, ebile e le seopedi se se tlhabeletsang mo setlhopeng sa moopelo sa Bayete, o tshotswe ka ngwaga wa 1957, kgwedi ya Tlhakole e le malatsi a le masome a mabedi le boferabobedi,a tlhokafala ka ngwaga wa 2006, kgwedi ya Ngwanatsele e le malatsi a le lesome le bobedi. [1]

Botshelo le tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Khanyile o tsholetswe kwa Soweto, mme a patelesega go tlogela thuto ya gagwe a le dingwaga di le lesome le bone gore a kgone go itshetsa morago ga go tlhokafala ga ga mmaagwe.[2][3] Rragwe o ne a bereka mo moepong mme ebile a opela dipina tse di senang diletso ka mokgwa o o neng o bidiwa isicathamiya. Mogolowe ebong John o ne a le leloko la setlhopha sa mmino sa reggae le soul.[2] Jabu o ne a ba sala morago mo go tsa mmino le kopelo, pele o ne a nna leloko la setlhopha sa The Daffodils, mme ka ngwaga wa 1974 a nna leloko la setlhopha sa ga John sa The Editions a tshameka meropa,mme morago a nna seopedi mo setlhopeng seo. Ka ngwaga wa 1977 o ne a nna leloko la The Movers, ka ngwaga wa 1984 Khanyile o ne a le leloko la Bayete, setlhopa se se neng se tlhakanya mmino wa Afro-jazz le reggae, a tshameka meropa. Setlhopa sa Bayete se ne sa kgaogana ka ngwaga wa 1992, Khanyile a simolola tiro ya go opela a le nosi, mme go akgolelwa Jabu Khanyile le Bayete dipina tsa gagwe le ntswa maloko a apele a Bayete ba ne ba sa tseye karolo ka nako eo.[1] Khanyile o ne a itsege lefatshe ka bophara ka ngwaga wa 1996 morago ga go tlhagelela kwa moletlong wa Royal Gala o o neng o o fa Nelson Mandela tlotla.[2]


Ka ngwaga wa 1996 le 2000, o ne a fenya seetsele sa Kora sa seopedi se se gaisang mo borwa jwa Aforika. O ne a diragatsa le Youssou N'Dour, Angelique Kidjo le Papa Wemba lefatshe ka bophara.[2] O ne a itsege ka mmino wa gagwe wa moribo wa Aforika, ka maiteko a go golaganya mefuta e e farologaneng ya mebino ya se Aforika.[4] O ne a diragatsa a apere diaparo tsa se Zulu.

Khanyile o ne a diragatsa kwa moletlong wa Live 8 kwa Johannesburg ka ngwaga wa 2005.[1] Labofelo a tlhagelela mo sechabeng ke ka Phukwi ngwaga wa 2006 kwa moletlong wa neelano wa Africa Calling fa metshameko ya kgwele ya sejana sa lefatshe e ne e fela kwa Berlin.[1]

O tlhokafetse ka Ngwanatsele 2006 morago ga go lwala bolwetsi jwa sukiri le kankere ya setlha.[5]

Dikgatiso[fetola | Fetola Motswedi]

  • Mmalo-We ka ngwaga wa 1993 - Island/Teal
  • Africa Unite ka ngwaga wa 1996 - Mango
  • Umkhaya-Lo ka ngwaga wa 1996 - Mango
  • The Prince ka ngwaga wa 1999 - Gallo/Wrasse
  • Thobekile ka ngwaga wa 2000 - Teal
  • Umbele ka ngwaga wa 2001 - Gallo
  • Wankolota ka ngwaga wa 2006 - Gallo
  • Hiyo Lento ka ngwaga wa 2005 - Stern's

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 Lusk, John (2006) "Obituaries: Jabu Khanyile", The Independent, 16 November 2006
  2. 2.0 2.1 2.2 2.3 Larkin, Colin (1998) The Virgin Encyclopedia of Reggae, Virgin Books, ISBN,0-7535-0242-9, p.21-22
  3. "Bayete (Khanyile) (South Africa)", music.org.za
  4. Jabu Khanyile & Bayete Tempolete:Webarchive, The Leopard Man's African Music Guide, accessed 13 November 2006.
  5. "Musician Jabu Khanyile dies of cancer", IOL, 12 November 2006