James G Haskins

Go tswa ko Wikipedia

James George Haskins (o tshotswe ka 1914, o sule ka 1990)[1] ne e le mopolotiki le rradikgwebo mo Botswana.

Haskins o tsholetswe ko Bulawayo. Rre rragwe ne e le James Haskins go tswa Bristol yo neng a tsamaisa kgwebo ya kofi kwa Tati Concessions Land mme morago a tsamaisa lebenkele la madirelo le le golwane ko Francistown[1]. Haskins o thomile lekalana la Francistown Chamber of Commerce.

Haskins o tseneletse tsa polotiki ka ngwaga wa 1948 a le leloko la European Advisory Council. Ne e le leloko la Legislative Council of Bechuanaland 1961-1964. Ne e le leloko la Bechuanaland Democratic party.[1]

Haskins o ne a ka tsewa jaaka sebui sa white community in Botswana le mmoeledi wa ipuso ya Botswana. Ka ngwaga wa 1966, o ne a nna leloko la National Assembly of Botswana. Mo ngwageng wa teng a tsenelela tsa puso a nna moeteledi pele wa office ya tsadi kwgebo, madirelo le tsa metsi mme morago a nna moeteledi wa office ya minister of finance[2] a temo thuo le puisanyo. Ka ngwaga wa 1979 Haskins a tlogedisiwa ke dingwaga mo pusong a boela ko kgwebong ya motse. [3]

Go tsweng ko 1979 go tsena ko 1989 o ne a nna sebui sa National Assembly of Botswana[4].

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 Ramsay, Jeff; Morton, Barry; Morton, Fred (1996). Historical Dictionary of Botswana. Scarecrow Press. ISBN 978-0-8108-3143-8.
  2. https://en.wikipedia.org/wiki/National_Assembly_of_Botswana
  3. Ramsay, Jeff; Morton, Barry; Morton, Fred (1996). Historical Dictionary of Botswana. Scarecrow Press. ISBN 978-0-8108-3143-8.
  4. "Former Speakers of Parliament". Parliament of Botswana. 27 June 2009. Archived from the original on 27 June 2009.