Katlego Kai Kolanyane-Kesupile

Go tswa ko Wikipedia
Kat Kai Koi-Kes

Katlego Kai Kolanyane-Kesupile ke seopedi, mokwadi le molwela ditshwanelo tsa batho ba ba ratanang ka bong bo le bongwe go tswa kwa Botswana. O tshotswe ka ngwaga wa 1988 ka Ferikgong, o itsege gape ka leina la Kat Kai Kol-Kes. O itsege ka go bo e ne e le ene motho wa ntlha o o itsegeng mo lefatsheng la Botswana go itshupa fa a fetotse bong. Ke ene gape Motswana wa ntlha go nna leloko la TED fellow.

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Kolanyane-Kesupile o tshotswe ka Firikgong ngwaga wa 1988 kwa toropong ya Francistown.[1] [2]Ke motho wa ntlha mo Botswana go bua phatlalatsa ka go iphetola bong, se o se dirile ka ngwaga wa 2013.[3][4][5]Kolanyane-Kesupile o tsene sekolo se se botlana sa Clifton Primary.[2] A ya go tsena sekolo se go nniwang kwa go sone kwa Durban fa a le dingwaga di le lesome le borobabobedi.[5] Kolanyane-Kesupile o amogetse setlankana sa degree in theater go tswa kwa sekolong sa ithutelo ditiro sa Witwatersrand, mme a dira gape le master's degree mo Human Rights,Culture and Social Justice kwa Goldsmiths, University of London.[6][3]A nna moithuti wa Chevening ka ngwaga wa 2016.[3]

Kolanyane-Kesupile ke mosimolodisi wa moletlo wa Queer Shorts Showcase, o e leng one moletlo wa ntlha ebile ele one fela wa batho ba ba ratanang ka bong bo le bongwe mo Botswana.[7][8] O nnile mokwadi wa dipampiri tsa dikgang di akaretsa Peolwane Magazine, The Kalahari Review, The Washington Blade le AfroPUNK.com.[9]Kolanyane-Kesupile ke leloko la setlhopha sa mmino sa Chasing Jakyb.[10] O kwalela setlhopha se dipina ka puo ya Sekgowa le ya Setswana.[10] Setlhopha se se ntshitse alebamo ya Bongo Country ka ngwaga wa 2015.[11]

Kolanyane-Kesupile o ne a atswiwa ka seetsele sa tlotla mo setlhopheng sa badiragatsi ka ngwaga wa 2013/2014.[9] O ne a nna motho wa bobedi o o gaisitseng mo dietseleng tsa Queen's Young Leaders ka ngwaga wa 2015.[12] A neelwa tlotla ya go nna TED Global Fellow ka ngwaga wa 2017, e le ene Motswana wa ntlha go fiwa tlotla e.[13] [14]Ka ngwaga wa 2018, o ne a tlhagelela mo setlhopheng sa bomme ba le lekgolo sa OkayAfrica.[14]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Katlego Kolanyane-Kesupile".Okay Africa's 100 Women.Retrieved 2018-07-16
  2. 2.0 2.1 Kol-Kes,Kat Kai.2017-02-10."What it feels like to become 'Botswana's first openly Trans* identifying public figure".TRUE Africa.Retrieved 2018-07-16.
  3. 3.0 3.1 3.2 McAllister,John.2017-06-30."Kat's Nine Lives: Performing Trans Identity/ies in Botswana".Kalahari Review. Retrieved 2018-07-16.
  4. Mnthali,Luso.29 July 2016."Being Kat Kai Kol-Kes: A Motswana Trans* Woman's Art and Activism".Archived from the original on 2020-10-16.AfriPop!.Retrieved 2018-07-16.
  5. 5.0 5.1 Kol-Kes,Kat Kai.2017-02-17."Being trans* is becoming a black woman of complications".TRUE Africa. Retrieved 2018-07-16.
  6. "How one Chevening Alumna is bring queer pride to her village".Chevening.7 July 2018.Retrieved 2018-07-16.
  7. Busari,Stephanie.(20 October 2017)."The women risking their lives to fight homophobia in Africa".CNN.Video by Ed Kiernan.Retrieved 2018-07-16
  8. Lavers,Michael K.(2016-01-21)."Former Botswana president speaks in support of LGBT rights".Washington Blade.Retrieved 2018-07-16.
  9. 9.0 9.1 "Queer Literature and Culture: A dialogue with Katlego Kai Kolanyane-Kesupile".Africa in Dialogue.2016-11-13.Retrieved 2018-07-16.
  10. 10.0 10.1 "NEW MUSIC: Kat Kai Kol-Kes, the transgender artist from Botswana, brings rain to the dancefloor with 'My Body".AFROPUNK.2014-09-17.Archived from the original on 16 July 2018.Retrieved 2018-07-16.
  11. Mahlinza,Luyanda (2015-07-08)."Ever heard of Post-pop Folk?".Cue Online.Archived from the original on 2018-07-10.Retrieved 2020-03-12.
  12. "Motswana ARTivist Recognised In 2015 Queen's Young Leaders Awards - Mining & Travel".2015-12-22.Mining & Travel.Retrieved 2018-07-16.
  13. "Botswana's first publicly open transgender among 10 African trailblazers on the TEDGlobal 2017 list".YourBotswana.Archived from the original on 7 September 2017.Retrieved 2018-07-16.
  14. 14.0 14.1 "Kolanyane-Kesupile Honoured on Global Influencer List".7 March 2018.Pristine Mag.Archived from the original on 16 July 2018.Retrieved 2018-07-16.