Kgaisano ya Mma lobopo wa Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Kgaisano ya Mma lobopo wa Botswana e simolodisitswe ka ngwaga wa 1999, mme mofenyi wa yone a gaisana kwa dikgaisanong tsa mma lobopo.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

1999 go ya kwa 2004[fetola | Fetola Motswedi]

Kgaisano ya ntlha ya mma lobopo wa Botswana e ne e tshwaretswe kwa Grand Palm Hotel Casino Resort mo toropokgolo Gaborone ka ngwaga wa 1999, kgwedi ya Mopitlo e le malatsi a a lesome le boferabongwe. [1] Ka ngwaga wa 1999, Mpule Kwelagobe o ne a nna mme wa boraro go tswa mo Aferika go ka rwesiwa serwalo sa phenyo ya kgaisano ya mma lobopo. Mo dingwageng tsa 2002 go fitlha ka tsa 2003, lefatshe le ne la seka la tsaya karolo mo kgaisanong ya mma lobopo, mme ka ngwaga wa 2004 lefatshe le ne la romela mofenyi wa mma lobopo wa Botswana kwa lefatsheng la Ecuador go tsaya karolo mo kgaisanong ya mma lobopo ya ngwaga wa 2004.

2010 go ya kwa 2013[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2010, Mos Syde Worldwide Entertainment Group, e eleng kompone ya mafatshefatshe ya tsa itloso bodutu le tsa kapari, e ne ya fudugela mo Botswana mme ya etelela pele kgaisano ya mma lobopo wa Botswana morago ga dingwaga tse thataro Botswana a sa tseye karolo. Tirelo Ramasedi o ne a tsaya sekgele sa mma lobopo wa Botswana ka ngwaga wa 2010 kwa moletlong o o neng o tshwaretswe mo Gaborone kgwedi ya Phukwi e le malatsi a le lesome le motso. O ne a emela lefatshe la Botswana kwa kgaisanong ya mma lobopo ya 2010 kwa Las Vegas kgwedi ya Phatwe e le malatsi a le masome a mabedi le boraro. Bafenyi ba ba mo salang morago e ne ya nna Larona Kgabo ka ngwaga wa 2011, Sheillah Molelekwa ka 2012 le Tsaone Macheng ka 2013. Ngwaga wa 2013 ke one wa bofelo o lefatshe la Botswana le neng la tsaya karolo mo kgaisanong ya mma lobopo. Moeteledipele wa kgaisano ke Safie Sekgwa.

Magatwe a ngwaga wa 2019[fetola | Fetola Motswedi]

Kwelagobe o ne a ganetsa magatwe a a neng a supa fa ele ene a eteletseng pele kgaisano ya mma lobopo mo Botswana ka ngwaga wa 2019. O ne a bua fa seo e se boammaruri e bile a sa itse gore dipego tse di senang boammaruri tseo di gasitswe ke mang, le go supa fa a sena kgatlhego epe ya go dira seo.[2]

Bafenyi[fetola | Fetola Motswedi]

Ngwaga Kgaolo Mma lobopo wa Botswana Maemo kwa kgaisanong ya mma lobopo Dieetsele tse di faphegileng Dintlha
Ga go a tsewa karolo fa e sale ngwaga wa 2004
2013 Gaborone Tsaone Macheng Ga go a nna le phenyo epe
2012 Gaborone Sheillah Molelekwa Ga go a nna le phenyo epe
2011 Gaborone Larona Motlatsi kgabo Ga go a nna le phenyo epe
2010 Gaborone Tirelo Ramasedi Ga go a nna le phenyo epe Mos Syde Group, ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Safie Sekgwa.
Ga go a tsewa karolo ka ngwaga wa 2005 go ema ka wa 2009
2004 Gaborone Icho Keolotswe Ga go a nna le phenyo epe
Ga go a tsewa karolo fa e sale ngwaga wa 2002 go ema ka wa 2003
2001 Gaborone Mataila Sikwane Ga go a nna le phenyo epe
2000 Orapa Joyce Molemoeng Ga go a nna le phenyo epe
1999 Borwa botlhaba Mpule Kwelagobe Mma lobopo wa ngwaga wa 1999 Go itsisitse Rre Phiri, o e neng ele High Commissioner wa lefatshe la Zambia mo Botswana.

Bona gape[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Miss Universe Botswana 1999". Miss Universe Botswana. Retrieved 2008-05-13.
  2. "Mpule distances herself from Miss Universe Botswana". Weekend Life. Retrieved 2022-05-15.