Lerato Marabe
Lerato Marabe | |
|---|---|
| Tsalo | Lerato Marabe 30 December 1994 Vosloorus, Gauteng, South Africa |
| Letso | South African |
| Tiro | actress |
Lerato Marabe o tshotswe ka Seetebosigo a le masome mabedi le boferabobedi ka 1999 kwa Vosloorus, Gauteng, Aforika Borwa.O itsege thata ka seabe sa gagwe sa nako e telele jaaka Pretty Seakamela mo setshwantshong sa SABC 1 sa Skeem Saam.[1]
Botshelo jwa gagwe le tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Lerato o tsholetswe kwa Vosloorus motsesetoropong kwa Ekurhuleni kwa Gauteng kwa Aforika Borwa. O ne a godisiwa ke mmaagwe yo e neng e le morutabana, ene le monnawe. O tsene Sekolo se Segolo sa Boksburg kwa Aforika Borwa[1][2] mme a wetsa materiki wa gagwe ka 2017. Morago ga moo o ne a aloga ka Dikirii ya go Tsheleganya Difilimi go tswa kwa AFDA Cape-Town.[3][4]
Lerato o simolotse tiro ya gagwe jaaka modiragatsi wa ngwana a tlhagelela mo setshwantshong sa Takalani Sesame le drama ya SABC1 ya Intersexions. Fa a le dingwaga di le lesome le motso, o ne a tlhophiwa go tshameka karolo ya ga Pretty Seakamela mo Skeem Saam.[5][6] O ntse a le moanelwamogolo mo pontshong eno fa e sa le e bontshiwa lekgetlho la ntlha ka 2011.[7]
Mo godimo ga go diragatsa, Marabe o dirile jaaka motlelara. Ka 2020 o ne a tlhophiwa go nna mongwe wa difatlhego tse disha tsa letsholo la letshwao la kgwebo la manobonobo la Quiteria Atelier le le bidiwang 'The new order'.[7]
Bodiragatsi
[fetola | Fetola Motswedi]- Skeem Saam season 1-8 as Pretty
- Isibaya season 1 as Nelisa
- Mzanzi Love season 3 as Babalwa
- Intersexions season 2 as Mpho
- End Game season 1 as Precious
- Big friend little friend as Lisha
- Madiba Series as Thembi Thambo
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "Lerato Marabe | TVSA". www.tvsa.co.za. Retrieved 24 September 2025.
- ↑ kunleben (29 October 2021). "Lerato Marabe Biography: Age, Husband,Wedding, Salary, Net Worth". 360dopes. Retrieved 24 September 2025
- ↑ "Biography of Lerato Marabe: Age, Career, TV Shows & Instagram". South Africa Portal. 13 June 2025. Retrieved 24 September 2025.
- ↑ "Skeem Saam's Lerato: People have got Pretty's relationship with Leshole all wrong". TimesLIVE. Archived from the original on 13 June 2023. Retrieved 25 September 2025.
- ↑ Mpapu, Hopewell. "SKEEM Saam actress marries her lover". Daily Sun. Retrieved 24 September 2025.
- ↑ Tabalia, Jedidah (20 December 2019). "Lerato Marabe age, children, boyfriend, TV shows, and Instagram - Briefly.co.za". briefly.co.za. Retrieved 24 September 2025.
- 1 2 Tleane, Lebo (28 September 2021). "10 Interesting Facts About Skeem Saam's Lerato Marabe (Pretty)". Youth Village. Retrieved 25 September 2025.