Jump to content

Lesego Motsumi

Go tswa ko Wikipedia
Lesego Motsumi 2011

Lesego Motsumi (1964-2023) ke mme wa lepolotiki mo Botswana. One a tlhophiwa go ya kwa Palamenteng ka ngwaga wa 1999.[1] Motsumi o nnile Mothusa Tona wa tsa Pereko le Selegae ka ngwaga wa 2002 go tsena ka 2003. One jalo a nna Tona ya tsa Botsogo[2] go fitlhela ka kgwedi ya Ngwanatsele, ngwaga wa 2004, fa e nna Tona ya lephata la tsa Dipalamo le Ditiro. Ene yare jalo ka ngwaga wa 2008 morago ga kabakanyo ya maloko a palamente, a boela maemo a gagwe jaaka Tona ya tsa Botsogo go fitlhela ka ngwaga wa 2009, go sena go tlhongwa rre Ian Khama jaaka taotona. O dirile jaaka tona wa tsa Melao le Tsamaiso ya Phiro mo Kantoro ya ga Taotona go tloga ka ngwaga wa 2009 go tsena ka 2011, mme gape a bereka jaaka Tona wa tsa Itshireletso go tloga ka ngwaga wa 201 go tsena ka ngwaga wa 2011. E rile ka ngwaga wa 2011 go fitlhela ka 2019 o ne a dira e le Moemedi wa lefatshe la Botswana mo kantorong yaga molaodi kwa India.[3]

Motsumi o tlhokafetse ka ngwaga wa 2023 kgwedi ya Firikgong e tlhola malatsi a le borobabongwe, ale dingwaga dile masome a marataro le bosupa, morago gago thunya ga sengwe faa ne a tshuba matlakala kwa ga gagwe kwa Ramotswa[1][3] kgwedi ya Morule e tlhola malatsi ale masome a mararo le motso ngwaga wa 2022.

Botshelo Jwa Gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Mme Motsumi one ana le bana bale bane le dikokomane dile thataro.[4] Ene yare ka ngwaga wa 1999 a tlhophiwa jalo ele mme wa ntlha go ya go emela kgaolo ya gagwe ee mo borwa ya Borwa-Botlhaba[5] kwa palamenteng.

  1. 1 2 "Lesego Motsumi laid to rest". The Voice. 10 May 2025
  2. "Collaboration key in global battle against HIV: speaker". VUMC News. Retrieved 10 May 2025
  3. 1 2 "Goodbye Mother Lesh". The Midweek Sun. 10 May 2025.
  4. "Kgosi, Oleosi (16 January 2023). "Lesego Motsumi laid to rest » TheVoiceBW". TheVoiceBW. Retrieved 10 May 2025.
  5. Basimanebotlhe, Tsaone (10 January 2023). "BDP mourns Motsumi". Mmegi Online. Retrieved 10 May 2025.