Lynette Armstrong

Go tswa ko Wikipedia

Lynette Armstrong ke mookamedi wa maemo a a kwa godimo mo go tsa pereko ya dibuka tsa madi, o o hirilweng ele motshwarelela moeteledipele kwa Debswana Diamond Company Limited, kompone ya moepo wa diteemane e e tona go gaisa tsotlhe mo lefatsheng ka bophara go ya ka dipoelo tsa yone. O tlhomilwe mo maemong a o ka Phalane ngwaga wa 2019. Pele ga foo, go tswa ka Morule 2015 go tsena ka Phalane 2019, Armstrong e ne ele moeteledipele wa tsa madi mo komponeng eo.[1] O ne a tlogela maemo a boeteledipele ka ngwaga wa Seetebosigo 2022, a tlhola ga ngwe, fa Andrew Maatla Motsomi a ne a tsena mo maemong a. Ma Armstrong o ne a boela mo maemong a gagwe a moeteledipele wa tsa madi kwa Debswana.[2]

Kgodiso le dithuto[fetola | Fetola Motswedi]

Armstrong o tsholetswe kwa toropong ya moepo wa kopore le nikele ya Selibe-Phikwe, e e kwa botlhaba jwa kgaolo ya legare la Botswana, ka ngwaga wa 1974. Rragwe e ne e le mmereki wa moepo wa BCL mo toropong eo.[3] O tsene sekolo se se botlana mo gae. A ya tsweledisa ko go se segolwane sa Maruapula a amogela setlankana sa A-Level teng a le dingwaga di le lesome le boferabobedi. O ne atswiwa ka tshono le madi ke moepo o rragwe a neng a o berekela, go ya go ithutela tsa dibuka tsa madi kwa United Kingdom. Ka ngwaga wa 1997, o ne a neelwa tshwanelo ya go nna leloko la mokgatlo wa Chartered Certified Accountants.[3]

O feditse mananeo a le mmalwa go akaretsa lenaneo la Accelerated Development Programme kwa sekolong sa London Business School, a fetsa la Management Development Programme kwa sekolong sa ithutelo ditiro sa Stellenbosch Business School, la Strategic Marketing Management kwa sekolong sa ithutelo ditiro sa University of Witwatersrand le la Executive Personal Development Coaching ntse e le kwa Wits.[4]

Tsa Pereko[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 1998, o ne a boela mo lefatsheng la Botswana mme a fiwa tiro ke moepo wa BCL, kwa rragwe a neng a berekela teng. O ne a hirilwe mo ofising ya madi, ko a neng a tshwanetse go ithuta motheo wa tsa dibuka tsa madi. Ka ngwaga wa 2002, o ne a tlhomiwa mogogi wa batshwara dibuka tsa madi gone kwa moepong wa BCL.[3]

E ne ya re ngwaga o ntse o tsweletse, a hiriwa ele motsamaisi wa tsa kgwebo kwa De Beers Prospecting. O ne a le mongwe wa wa setlhopha se se neng se dira dipatlisiso pele ga tshimololo ya moepo wa Karowe. Ka ngwaga wa 2007 o ne a tlhomiwa motsamaisi wa tsa madi wa ntlha wa mosadi kwa meepong ya Orapa,Letlhakane le Damtshaa. Ka ngwaga wa 2010, Lynette o ne a ithola marapo kwa De Beers mme a ya go berekela kwa moepo wa Tati Nickel, a boela kwa moepong wa BCL e le motsamaisi wa lephata la madi le tsamaiso sebaka sa ngwaga.[3]

Ka ngwaga wa 2013, o ne a araba pitso ya ba Debswana fa ba ne ba batla motho o ka tsayang maemo a bogogi jwa tsa madi. O ne a hiriwa mo maemong ao, mme ya re dingwaga di tsamaya a nna a pagamela kwa godimo ka maemo go fitlhelela a nna mookamedi wa tsa madi mo komponeng eo.

Ka ngwaga wa 2019, morago ga go tlhokafala ga mookamedi wa pele, o ne a tlhomiwa motshwareledi wa gagwe.[5]

Tse dingwe tsa botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Mme Armstrong ke mme o o nyetsweng e bile a na le bana. Ene le monna wa gagwe ke batsadi ba bana ba babedi.[3]

Mo godimo ga maikarabelo a gagwe kwa Debswana, o dira e le modulasetilo wa Botswana Accountancy Oversight Authority, gape ke leloko la mokgatlo wa batlhokomedi le batsamaisi ba Debswana Pension Fund, mokgatlo wa baeteledipele wa BoFiNet le wa Morupule Coal Mine. Ke leloko la Botswana Institute of Chartered Accountants gape.[4]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Debswana(August 2019)."Lynette Armstrong: Acting Managing Director Debswana".Debswana.Gaborone.Retrieved 26 June 2020.
  2. De Beers Group(22 May 2022)."Debswana Diamond Company appoints Andrew Maatla Motsomi as Managing Director".De Beers Group.London, United Kingdom.Retrieved 28 September 2022.
  3. 3.0 3.1 3.2 3.3 3.4 Keitebe Kgosikebatho(15 March 2016)."On Top Of Her Game".The Patriot on Sunday.Gaborone.Retrieved 26 June 2020.
  4. 4.0 4.1 Botswana Accountancy Oversight Authority(26 June 2020)."Botswana Accountancy Oversight Authority: Board of Directors".Botswana Accountancy Oversight Authority.Gaborone.Retrieved 26 June 2020.
  5. Phillimon Mmeso(6 May 2020)."Race for Debswana top post".The Patriot on Sunday.Gaborone.Retrieved 26 June 2020.