Debswana

Go tswa ko Wikipedia
Debswana Diamond Company Limited
TypeLimited
IndustryMining
PredecessorsDe Beers Botswana Mining Company
Headquarters,
Area served
Worldwide
Key people
Bruce Cleaver
Chairman
Andrew Maatla Motsomi
Managing Director[1]
ProductsDiamonds
Coal
OwnerGovernment of Botswana (50%) and De Beers (50%)
Number of employees
6,400 (2020)[2]
Websitedebswana.com

Debswana Diamond Company Limited e itseng ka leina khutswe la Debswana, ke kompone ya moepo kwa Botswana, e e ntshang diteemane tsa boleng jo bo gaisang mo lefatsheng ka bophara.[3] Debswana e na le meepo ya teemane e le mene kwa dikgaolong tsa botlhaba le legare la Botswana, le moepo wa magala.[3] Debswana ke kompone e e pataganetsweng ke goromente wa Botswana le kompone ya diteemane kwa Aforika Borwa ya De Beers, bobedi bo kgaogana dipoelo tsa kompone ka go lekalekana.[3]

Meepo[fetola | Fetola Motswedi]

Meepo e e mo taolong ya Debswana ke e e latelang:

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Kompone ya Debswana e simolotse e le De Beers Botswana Mining Company ka ngwaga wa 1968,[4] kgwedi ya Seetebosigo ele malatsi a le masome mabedi le boraro, morago ga gore modupa maje wa De Beers a tlhaole maje a a nang le diteemane kwa Orapa ka dingwaga tsa 1960. Dingwaga tse tlhano morago ga foo, puso ya Botswana ya oketsa seabe sa yone go tswa kwa go 15% go ya kwa go 50% . Ka ngwgaa wa 1992, kgwedi ya Mopitlo ele masome mabedi le botlhano, leina la kompone la fetoga go nna Debswana Diamond Company (Proprietary) Limited. Maikaelelo a kompone ke go epa ditemane le tsotlhe tse di amanang le tsone. Kompone ya Debswana e eteletse pele meepo ya Orapa, Letlhakane, Jwaneng le Damtshaa. Meepo ka bone jwa yone e nnile le seabe se segolo mo go kgolong ya itsholelo ka poelo ya diteemane, e fetotse lefatshe la Botswana mo go ikaegeng ka temothuo ka dingwaga tsa 1960 go nna lefatshe le le nang le kgolo ya itsholelo.[3][5]

Debswana e ne ya upolola teemane ya boleng jwa 1,098 carat mo Botswana ka ngwaga wa 2021 kgwedi ya Seetebosigo. Go dumelwa fa e le lejwana la boraro ka bogolo go epiwa.

Letseno le Dipoelo[fetola | Fetola Motswedi]

Ngwaga Letseno (Billion US$) Boleng bobo ntshitsweng (carats) Letseno ka ngwaga
2011[6] 1.08 22,900,000
2012[6] 0.7 20,200,000 35%

Seabe mo itsholelong[fetola | Fetola Motswedi]

Ditirelo tsa go epa diteemane di tlhotlheleditse kgolo ya istholelo ya Botswana thata, e letla gore e gole go tswa mo go nneng lengwe la mafatshe a a humanegileng mo lefatsheng ka bophara ka nako ya fa le tsaya boipuso ka ngwaga wa 1966 go nna lefatshe le le mo maemong a a fa gare mo itsholelong, le na le letseno la $9,200.00 ka ngwaga wa 2004. Lefatshe le na le maikaelelo a go nna lengwe la mafatshe a a kwa godimo mo itsholelong ka ngwaga wa 2036.[7] Ka ntlha ya se, ditirelo tsa go beeletsa madi tse dikgolo di le pedi di bona lefatshe la Botswana e le lefatshe le go babalesegileng go le adimisa madi mo Aforika. Bongwe mo borarong jwa dipoelo tsa lefatshe ke tsa diteemane. Kompone ya Debswana ke yone kompone e e ikemetseng ka nosi e e hirang batho ba bantsi go gaisa tse dingwe mo lefatsheng la Botswana, e firile batho ba ka tshwara dikete tse thataro le makgolo a le mane, 93% ya bone e le Batswana.[7]

Go tshwaiwa diphoso[fetola | Fetola Motswedi]

Kompone ya Debswana e tshwailwe diphoso ke mokgatlho wa Survival International wa mafatshefatshe o o lwelang ditshwanelo tsa beng gae, go bo ba sa tlotla ditshwanelo tsa setho tsa Basarwa ba ba nnang kwa Botswana. Fa e sale ka dingwaga tsa 1980, mokgatlho o o kwadile dipego tsa gore puso ya Botswana e dirile letsholo la tlhorontsho go ba ntsha mo lefelo leo gore go diriwe dipatlisiso tsa moepo. Moeteledipele wa pele wa Debswana Louis Nchindo o rile " Puso e na le tshiamelo mo go fuduseng Basarwa kwa lefelong leo la tlhokomelo diphologolo...go maleba gore puso e tseye tshwetso e o. Fa e seng jalo ke mang o o ka batlang go sala mo fifing fa ba bangwe ba tswelela pele?"[8] Go ya ka Stephen Corry, mogogi wa Survival International, Basarwa ga ba a siiwa ke dinako, ditshwanelo tsa bone tsa setho le tsa setso di tshwanetse go tlotliwa. Puso ya Botswana e ganetsa magatwe a e bua fa ele go feteletsa. Go santse go sena bosupi jwa go epa ga kompone ya Debswana kwa Central Kalahari Game Reserve ka kompone e butse meepo go sele jaaka kwa Jwaneng,Orapa,Letlhakane le Damtshaa.[9]

Bona gape tse di latelang[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. De Beers Group (22 May 2022). "Debswana Diamond Company appoints Andrew Maatla Motsomi as Managing Director". De Beers Group. London, United Kingdom. Retrieved 28 September 2022.
  2. Debswana (10 May 2020). "Fast Facts: All Items: Debswana". Gaborone: Debswana Diamond Mines Limited. Retrieved 10 May 2020.
  3. 3.0 3.1 3.2 3.3 3.4 3.5 3.6 3.7 3.8 Mining Technology(May 2020)."Debswana Diamond Mines".Mining-technology.com.London.Retrieved 10 May 2020.
  4. 4.0 4.1 4.2 "Debswana History".www.debswana.com.Retrieved 2021-05-27.
  5. Debswana(2020)."About Debswana Diamond Company".Debswana Limited.Gaborone.Retrieved 10 May 2020.
  6. 6.0 6.1 Mbongeni Mguni (1 August 2013)."Government Revenues From Debswana Bear P6 Billion".Mmegi Online.Gaborone.Retrieved 10 May 2020.
  7. 7.0 7.1 World Bank (10 May 2020)."Overview of Botswana".World Bank.Washington, DC.Retrieved 10 May 2020.
  8. Survival International (31 March 2003)."Bushman Land Carved Up for Diamond Exploration".Survivalinternational.org.Retrieved 10 May 2020.
  9. Survival International Archives(2005)."Survival and the Bushmen of the Central Kalahari Game Reserve: 39 questions".Survivalinternational.org.Retrieved 10 May 2020.