Toropo ya Jwaneng
Coordinates: 24°35′53″S 024°43′45″E / 24.59806°S 24.72917°E
Jwaneng ke toropo e e mo kgaolong ya Borwa jwa Botswana, mme ga e karolo ya yone, ka e ikemetse e na le lekgotla la yone. [1]
Jwaneng | ||
|---|---|---|
Toropo | ||
| Setshwantsho:Amogelesega mo Jwaneng.JPG | ||
| ||
| Coordinates: 24°36′07″S 24°43′42″E / 24.60194°S 24.72833°ECoordinates: 24°36′07″S 24°43′42″E / 24.60194°S 24.72833°E | ||
| Lefatshe | Botswana | |
| Government | ||
| • Rratoropo | Olga Ditsie | |
| Elevation | 1,189 m (3,901 ft) | |
| Palo batho (2022)[2] | ||
| • Total | 18,784 | |
| Time zone | GMT +2 | |
| Climate | BSh | |
- ↑ Melao ya Botswana, lephata la selegae.
- ↑ "Statistics Botswana - Census 2022 - Population of cities, towns and villages" (PDF).
Jwaneng ke toropo e e mo Kgaolong ya Borwa jwa Botswana, mme ga se karolo ya yone, ka e le kgaolo e e ikemetseng, e e nang le Khansele ya yone ya Toropo.
Jwaneng o gatela pele
[fetola | Fetola Motswedi]Mothusa Ratoropo wa pele wa Jwaneng, Rre Moshe Gare a re toropo ya Jwaneng e gatetse pele mo ditlhabololong di tshwana le dikole, dikokelwana le mafelo a mangwe a setshaba se bonang dithuso mo go one. A re dikole tsa Jwaneng tse dikgolwane di tsweletse ka go dira bontle fela thata. Rre Gare a re mo bogompienong, toropo ya Jwaneng e na le dikokelwana di le tharo nngwe ya tsone e le e e belegisang. A re dikokelwana tse ga di a itebaganyana le banni ba toropo eo fela, mme di thusa le ba metsana e e mabapi. O tlotlomaditse lefelo le le tlhokomelang bana la Mpule Kwelagobe Children's Centre a re le thusa bana, sebe sa phiri ke gore le le na le kgwetlho ya tlhaelo ya ditsompelo, mme a gwetlha Batswana ka kakaretso go otlolola letsogo go thusa. A re go na le bana ba ba fetang masome a mabedi ba ba santseng ba letile go ya go nna teng mme ka lebaka la letlhoko ga go ise go kgonege. Tse dingwe ditlhabololo a re ke tse di tsisitsweng ke dikompone tsa Cut 8 tse di thapilweng ke moepo wa Debswana.A re dikompone tse di tlhamile mebereko e bile di tsisitse ditlhabololo.Rre Gare o supile fa nako ya boipuso e le sebaka se Batswana ba tshwanetseng go ikanoka ba lebe kwa ba go tswang le kwa ba go yang.
Dithuto tse dingwe
[fetola | Fetola Motswedi]Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Toropo e e tlhamilwe go dikologa moepo wa diteemane wa Jwaneng, o o tsewang o le o o humileng go gaisa mo lefatsheng lotlhe ka bophara go lebilwe go nna teng ga one ga diteemane tsa boleng jo bo kwa godimo. Fa e simololwa e ne e le ' toropo e e tswetsweng ', go raya gore gore motho a kgone go nna teng go ne go tlhokega teseletso go tswa mo go beng ba moepo, Debswana .
Ka ngwaga wa 2015, Jwaneng o ne o na le banni ba le dikete di le lesome le boraro le lekgolo le le lengwe le na le masome a le marataro le bobedi. O ne wa kaiwa e le motse wa bobedi o o humileng mo Botswana, ka seelo sa lehuma se se kwa tlase ga boraro mo lekgolong. [1]
Dipalamo
[fetola | Fetola Motswedi]Toropo le moepo di direlwa ke Lebala la difofane la jwa Jwaneng .
Metshameko
[fetola | Fetola Motswedi]Go fitlha mo ngwageng wa 2026, setlhopha sa kgwele ya dinao sa Jwaneng Galaxy FC se fentse liki e kgolwane ya Botswana makgetho a le mararo.
Bona gape
[fetola | Fetola Motswedi]Dipadi tse dingwe
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Mguni, Mbongeni (5 June 2015). "Botswana's poorest village is...". Mmegi Online. http://www.mmegi.bw/index.php?aid=51688&dir=2015/june/05.