Jump to content

Malome Vector

Go tswa ko Wikipedia

Bokang Moleli yo o tumileng ka tsa mmino le go tuma ka leina la Vector Malome , o bonwe ka ngwaga wa 04 Phukwe 1992 kwa Lesotho kwa Maseru, mme a golela kwa Maseru, Roma le Manonyane.[1] o simolotse kopelo ya gagwe ka dingwaga di le 14 ka ngwaga wa 2004, jaaka motsaya karolo mo ditlhopheng tsa sekolo tsa mmino mo dikgaisanong tsa go tlhagisa bokgoni le neo.[2]Malome Vector e ne e le seopedi se se itsagaleng thata e bile a dira tiro ya bo opedi ka botswapelo le bonatla mo e leng gore o feleditse a dirile seabe se se bonalang ka mmino wa gage mo nageng ya Aforika Borwa.[3]

O simolotse go atolosa bokgoni jwa gage jwa kopelo ka ngwaga wa 2020 fa a ne a fudugela mo Aforika Borwa, go ikopanya le go dira tshaeno, kgotsa ditumalano le ba Ambitiouz Entertainment.[4] Malome Vector o simolotse go tlhagisa pina ya pele mo Aforika Borwa ka 8 Motsheganong 2020, mmogo le duo Blaq Diamond le Dj Miss Pru. O amogetse mpho kgaisano ka 2021 kwa All Music wards.[5] Mme Malome Vector a tswelela go dira tiro ya gagwe ya bo opedi mo Aforika Borwa, e bile o fentse thata dikabelo tsa dikgaisano tsa mmino. O dirile tiro e tswileng diatla thata mo Aforika Borwa jaaka re ne fitlhela batho ba le bantsi ba rata mmino wa gage. Malome Vector o tlotse botshelo bono morago ga go tsenang mo kotsing ya sejanaga ka 24 Phatwe 2024 fa a ne a le mo leetong goya kwa Lesotho.[6]

  1. https://www.mynewsroom.co.za/malome-vector-biography-age-place-of-birth-cause-of-death/
  2. https://www.mynewsroom.co.za/malome-vector-biography-age-place-of-birth-cause-of-death/
  3. https://oldnaijahistory.com.ng/malome-vector-biography-real-name-age-music-cause-of-death-net-worth/#google_vignette
  4. https://africanmusiclibrary.org/artist/Malome%20Vector
  5. https://www.musicinafrica.net/magazine/lesotho-malome-vector-shares-debut-album-1964
  6. https://www.kaya959.co.za/news/rapper-malome-vector-has-reportedly-passed-away/