Masunga
Masunga | |
|---|---|
Kgaolo | Bokone-botlha |
Setshaba | 6,216 (2022)[1] |
Elevation | 1,180 m (3,870 ft) |
Masunga ke nngwe ya metse ya Bakalaka e e fitlhelwa mo kgaolong ya Bokone-Botlhaba mo lefatsheng la Botswana. Ntlo kgolo ya kgaolo Bokone-botlhaba e kwa motseng wa Masunga. Toropo e gaotshwane le motse wa Francistown ka selekanyo sa dikhilomethara di le lekgolo le masome a mabedi. Kgosi ya motse o ke Thabo Maruje Masunga yo o tsereng bogosi go tsweng malomagwe Christopher Masunga.
Gaofi le Masunga go na le dithaba tsa Dombo Shaba, tse di nang le matlotlo a morafe wa Bakalaka, go tshwana thata le lefelo la Great Zimbabwe (Mutapa).O itsege e le nngwe ya mafelo a kgatlhisang bajanala mo Botswana kwa morafe wa Bakalaka o tshwarang modiro teng ngwaga le ngwaga ipelelelwa ngwao ya sekalaka
Puo e buiwang thata mo kgaolong ya Bokone-botlhaba ke Kalanga,e seng Tswana e leng puo tletseng lefatshe ka bophara la Botswana. Morafe wa Bakalaka o tsamaelana thata le Shona, puo ya mangmang ka kwa Zimbabwe.
Ditiro le dilo tse di ngokang mo Masunga
[fetola | Fetola Motswedi]Dilo tse di ka dirwang kwa Masunga di akaretsa:
- Gaufi le Masunga go na le dithota tsa Domboshaba, tse di tshotseng dipholo tse di senyegileng tsa Mmusomogolo wa Kalanga .
- Botaki jwa Lefika.[2]
- Go na le lefelo la metshameko le le tlhokomelang ditiro tse di farologaneng tsa metshameko.
Dikolo kwa Masunga
[fetola | Fetola Motswedi]Go na le Sekolo se segolwane sa Masunga
Bona gape
[fetola | Fetola Motswedi]- Motse wa Mathangwane
- Thuto mo Botswana
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Population and Housing Census 2022:Population of Cities, Town and Villages" (PDF). Statistics Botswana. 2022.
- ↑ Botswana information directory