Mmashoro

Go tswa ko Wikipedia
Mmashoro is located in Botswana
Mmashoro
Location of Mmashoro

Mmashoro ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O bonwa mo bokone bophirima jwa Botswana dikhilomethara tse di masome a boferabobedi go tsweng Serowe. gape palo ya batho e ne e le lekgolokgolo,makgolo a matlhano masome a mane le boraro mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 .[1]

Letlhoko la madi le kgoreletsa ditlamelo[fetola | Fetola Motswedi]

Banni ba metse ya Malatswai, Dimajwe le Mmashoro ba kopilwe go nna pelotelele go emela gore itsholelo ya lefatshe leno e boele mannong, ka ke gone ditlamelo tsa metse ya bone di tlaa tsibogelwang.Ba boleletswe jalo kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo ya bone ya Serowe Bokone Bophirima, Rre Tshekedi Khama, fa ba arabiwa ka ga tse ba di kopileng jaaka megala ya mosokela tsebeng kwa diofising tsa puso, koloi ya mapodisi go lwantsha borukutlhi le tse dingwe.Ba Malatswai ba ngongoregile ka khiro ya go kgaola ditlhare mo ditseleng, ba re ba lephata la ditsela ba hira banni ba motse wa Mmashoro go tswa kwa motseng oo go goroga kwa go wa Malatswai, mme ba kopa go kgaoganyediwa gore le bone ba bone go itshetsa.Kwa Dimajwe, banni ba ngongoregile ka tsela e e saleng e tshetswe mmu go e baakanya, mokhanselara o ne a solofetsa fa go le gaufi gore e simololowe ka thendara e setse e dule.Mopalamente le ene o ne a supa fa a tshwenyegile thata ka ntlha ya lebaka le le tserweng go baakanya tsela eo.Monana mongwe o kopile puso go romela badirela puso ba maphata a a farologaneng a mananeo a dithuso go etela motse wa bone, go ba rutuntsha ka one ka ba le mo lefifing fela ka mananeo a puso.Modulasetilo wa Mmashoro o ne a ngongorega ka boimana jwa baithuti ba sekole se segolwane sa motse oo, a re batsadi bangwe ba rotloetsa mowa wa boitaolo ka go ba rekisetsa ditagi.

Ba Mmashoro ba kopile go fiwa motshine wa bobedi wa go jesa bolase ka kgaolo eo e dirisa o le mongwe fela mme go tlhokega wa bobedi go tsweledisa tiro fa o mongwe o ile merakeng.Mopalamente o ne a kopile ba kompone ya Kalahari Gas e e gaufi le motse wa Mmashoro go tla go tlhalosetsa banni ba motse oo, gore ba bokgakala bo kae le go simolola tiro ya go fetlha gas.Mogolwane wa kompone eo Rre Trevor Corrivan, o tlhalositse fa tiro ya go fetlha gas e sa ntse e le kgakala ka ba sa ntse ba tsweletse ka dipaakanyo.A re se a se solofetsang Batswana ke gore go tlile go thapiwa batho ba bantsi ka ditiro tsa teng di farologane mme di tlhoka go dirwa bosigo le motshegare malatsi otlhe, e bile go tlhoka tlhokomelo e e tseneletseng.Mopalamente o ne a tlhalosetsa banni ba metse eo ka ga ngalo ditiro.

Goya o rotloetsa Ma-Domi go lebala tse di fetileng[fetola | Fetola Motswedi]

Maloko a phathi ya Domkrag a motse wa Mmashoro a kopilwe go lebalelana melato ya maloba go tsweledisa ditiro tsa phathi ya bone le go itsise batho ka mananeo a puso ya bone gore Batswana ba intshe mo lehumeng.Go buile jalo mopalamente wa Palapye Moiseraela Goya yo o neng a bua kwa phuthegong ya Domkrag ya go amogela maloko a phathi eo le go ba kopanya morago ga dipharologanyo tsa bone nako ya ditlhopho tse di fitileng tsa 2004.Rre Goya a re ke nako ya go gagamatsa chaene, go tsibosa Batswana ka mosola wa mananeo a puso ya bone ya Domkrag le go nna tlhaga mo go diriseng lenaneo la temo la ISPAAD ka ke lone le ka ntshang Batswana mo selelong sa gore mabenkele a turisa dijo, ka go lema ka tlhoafalo go ijesa le go rekisa, a re seo se ka thusa gore beng ba dikgwebo tse di rekisang dijo ba fokotse di tlhwatlhwa.O kgothaditse barua kgomo go disetsa kwa merakeng, a re bajanala ba e leng bone ba rekang nama ya Botswana, fa ba feta dikgomo mo metseng ba di tsaya ditshwantsho le di e ja dipolaseteke, a re seo se borai thata mo thekisong ya tsone kwa mafatsheng a sele.A re go tsile go hetlhwa gase e ntsi mo Mmashoro, e e tlaa tlhamelang Batswana ditiro, a tlhalosa fa seo e le tsela nngwe ya go fokotsa go ketemela ga batho ba ba batlang ditiro kwa ditoropong.Leloko la khuduthamaga ya phathi ya Domkrag Mme Neo Kealotswe, o akgoletse ma-Domkrag a Mmashoro go supa fa ba fedisitse dikgang tse di neng tsa ba kgaoganya.A re maraganateng a bana ba mpa a ipaakanyediwa ke beng.O ba kopile go tsena diphuthego ka a lemogile fa ba itshupa fela ka nako ya buleladitswe, a re ditiro tsa phathi di tshwanetse go tswelela.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana/Mmashoro

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-01-20.