Jump to content

Serowe

Go tswa ko Wikipedia
Serowe
Serowe is located in Botswana
Serowe
Serowe (Botswana)
Kgaolo
Central
Setshaba
47,447
Elevation
1,140 m (3,740 ft)

Serowe ke motse-setoropo o o mo kgaolong ya Legare ya Botswana. Ke lefelo la kgwebo le bodiredi jwa dikgwebo, ke motse wa boraro ka botona mo Botswana.[1] Serowe o nnile le seabe se segolo mo ditiragalong tsa lefatshe la Botswana, jaaka motsemogolo wa morafe wa Bamangwato mo masimologong a ngwagakgolo tse masome a mabedi le go nna lefelo la matsalo a tautona tsa Botswana di le mmalwa. Bosheng jaana o nnile le tlhabologo e e bonalang jaaka toropo le jaaka Botswana a tswelela go gola. Ka palabatho ya ngwaga wa 2011 batho ba ne ba le 47,447[2]

Serowe o ntse o gakologelwa Khama III, Kgosi ya Bamangwato batho ba bogologolo ka ngwagakgolo lesome le boferabongwe le masome mabedi. Ka ngwaga wa 1903, o ne a thomiwa fa e le motse mogolo Serowe, Bamangwato. Gape ke lefelo la matsalo la ga Seretse Khama, motswana wa ntlha go nna Tautona wa lefatshe la Botswana, le boremelelo jwa setso sa morafe wa Bangwato.

Sekolo sa Swaneng Hill e ne e le sa ntlha mo dikolong tsa Brigades Movement tse di simolotsweng ke moitseanape wa thuto Patrick van Rensburg.

View from Swaneng Hill east across the Kalahari

Serowe o bonwa mo lefelong le le siametseng temo thuo, lefelo le le tshwarang metsi mo kgaolong ya legare ya Botswana gape ke lefelo la kgwebo le thekiso. O bonwa mo bophirima jwa tsela ya GaboroneFrancistown kwa go leng motlhofo teng go ka o bona. Gape le supa tshimologo ya tsela ya Serowe-Orapa ee felelang ko moepong wa teemane wa Orapa. Tshimologo ya tsela e e simologile ka ngwaga wa 1986, mme e ne ya fetswa dingwaganyana morago.

Swaneng Hill o kgaogantswe ka dintha di le tharo tse di bidiwang Pa-Swaneng, Ma-Swaneng and Ba-Swaneng: Rre, Mme le Ngwana ka go latelana.

Dilo tse di lemotshegang tsa kgaolo ya selegae di akaretsa lefelo la sesole sa Botswana (BDF) kwa Paje le lefelo la tshireletso ya ditshukudu la Khama mo tseleng e e yang kwa Orapa. Lefelo la Tshireletso ya Ditshukudu ke lefelo la bopelotlhomogi la diphologolo, le sekgele sa dikhilomithara di le masome a mabedi le botlhano kwa bokone jwa Serowe, le tlhomilwe ka ngwaga wa 1992 ke malwapa a selegae a Ballentine le Watson le Ian Khama (Tautona wa pele). Diheketara tsa yona tse 4 300 tsa naga ya motlhaba ya Kalahari di ne tsa tlhongwa jaaka lefelo la botshabelo la ditshukudu tse dintsho le tse ditshweu.

Mo nakong ya gompieno Serowe o dira jaaka motsemogolo wa Kgaolo ya Serowe. Tautona wa ntlha Sir Seretse Khama (rraagwe Tautona wa bone Tautona Lieutenant General Ian Khama) le tautona wa boraro Festus Mogae wa Botswana ba tsholetswe kwa Serowe.

Ba Tirelo ya Dikgolegelo tsa Botswana (BPS) ba tsamaisa Kgolegelo e Ntšhwa ya Serowe.[3]

E sale ka ngwaga wa 2000, Serowe o nnile le dithabololo di le mmalwa, mme o tswelela ka go gola ka seemo se nametsang ntswa kgolo ya mabapi nae Palapye. Sekolo se se golwane sa Swaneng se se itsegeng ka leina la, Swaneng Hill, se ne gape sa thatosiwa maemo ke puso ya Botswana ka kompone ya tsa kago ya batho ba letso la China. Gompieno e na le felo la thathobelo ditsompelo tsa segompieno tsa maranyane, le fa go ntse jalo ba thoka ditsompelo tsa kitso ee tseneletseng. Ka jalo ba nnile le kgatlhego mo maranyaneng, mme se se bakile gore ba romele bana ba ba nang le bokgoni ko ntle ga lefatshe. Go maleba go umaka fa ba na le kitso ya lephata la ditso ee kwa godimo ee isang bana go tsaya maeto a go ya difikantsweng go dikologa lefatshe. Dingangisanyo di rotoediwa thata, mme se se baka ditshimega di le mmalwa tsa lefatshe.

Ntšhwafatso e kgolo ya bosheng e ne e akaretsa go agiwa ga Bookelo jo bošwa jwa maemo a a kwa godimo jwa Sekgoma, jo bo leng dikilometara di le thataro kwa borwa jwa toropokgolo, go emisetsa bookelo jwa bogologolo jo bo tlogetsweng jwa leina le le tshwanang. Jaanong e dira jaaka lefelo le legolo la kalafi mo kgaolong. Kokelo eo e ne ya agiwa ka madi a a fopholediwang go nna P300 million mme ya bulelwa setshaba ka ngwaga wa 2007 o ya fifing, mme seno se ne sa fokotsa morwalo o o bokete kwa kokelong ya Francistown, e e neng e le mo maemong a a neng a tletse ka batho ba bantsi le maemo a a sa siamang. Go bapa le Segopotso sa Sekgoma go na le Setheo sa maranyane a Boitekanelo (IHS) Khamphase ya Serowe e e nayang badiri ba botsogo katiso mo dikarolong tse di farologaneng jaaka booki ka kakaretso le thuto ya boitekanelo. Khamphase ya Serowe IHS ke nngwe ya dikhamphase di le thataro tse di fitlhelwang kwa dikokelong tse dikgolo tse di farologaneng mo Botswana.

Bookelo jwa Old Sekgoma Memorial bo tlhabolotswe mme jwa fetolwa go nna kokelo ya dioura dile masome a mabedi le bone e e nang le Senthara ya ditirelo tsa boitekanelo jwa thobalano le tsalo, setheo sa malwetse a a sa foleng, kokelo ya kgotholo e tona le Setsi sa Diokobatsi sa Kgaolo.

Tlhabololo e nngwe e kgolo ya bosheng ke lebala la metshameko la Serowe le lefelo la metshameko le le le dikologileng. Tiro e, e e lopileng puso ya Botswana P30 million, e ne ya bulwa mo bogareng jwa ngwaga wa 2003. Ga jaana e tlamela Kgaolo ya Bogare ka lefelo la yone le le lengwe fela le legolo la metshameko.

Motse o o kile wa direlwa ke lebala la difofane la Serowe. Lefelo la boemeladifofane le ne la dirisiwa go aga Bookelo jwa Sekgoma Memorial jo jaanong bo weditsweng le Setheo sa Booki se se bapileng le jone.

Ditlhangwa

[fetola | Fetola Motswedi]

Serowe e ne e le toropo e e amogetsweng ya mokwadi yo o tsholetsweng mo Aforika Borwa e bong Bessie Head, mme seno se ne sa tlhotlheletsa buka ya gagwe ya 1974 ya Serowe: Motse wa Phefo ya Pula. Botlhokwa jwa gagwe mo motseng bo gakologelwa kwa Phaposing ya Tlhogo ya Bessie ya Musiamo wa Segopotso wa Khama III, o o neng wa tlhongwa ka ngwaga wa 2007.

Batho ba ba tlhomologileng

[fetola | Fetola Motswedi]

Dikgoge tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. Gardner, Roy (1974). "Some Sociological and Physiological Factors Affecting the Growth of Serowe". Botswana Notes and Records. 6: 77–88. ISSN 0525-5090. JSTOR 40959211.
  2. "2011 Census". Archived from the original on 27 December 2012.
  3. Prisons and Rehabilitation." (Archive) Government of Botswana. Retrieved on 26 March 2013.
  4. Daily News .:. : : Face to face with Marang Molosiwa". www.dailynews.gov.bw. Retrieved 2020-08-23