Moepo wa diteemane wa Jwaneng

Go tswa ko Wikipedia
(2007)

Moepo wa diteemane wa Jwaneng ke one moepo o o humileng go gaisa meepo yotlhe mo lefatsheng ka bophara.[1] [2] Moepo o o kwa legare la borwa, mo mokgatsheng wa molapo wa Naledi kwa Kalahari dikilomithara di ka nna lekgolo le masome a mabedi kwa bophirima jwa toropokgolo Gaborone. Leina Jwaneng le raya lefelo la matlapana kgotsa majwe a mannye, moepo o ke wa kompone ya Debswana, e e leng tirisanommogo gareng ga kompone ya De Beers le goromente wa Botswana. Mo meepong e le mene ya kompone e, moepo wa Jwaneng ke wa bobedi ka bosha, o simolotse go bereka ka ngwaga wa 1982.


Moepo wa Jwaneng ke moepo wa lehuti le le butsweng. O ntsha dimilione di le boferabongwe le metso e meraro tsa matlapa a ka nnang le teemene ka ngwaga, le di milione di le masome a mararo le bosupa tsa matlapa a a senang teemane.[3] Moepo o o mo godimo ga diphaephe di le tharo tsa leje la kimberlite, le le apesitseng di mithara di le 520,000 kwa tlase ga lefatshe. Moepo o o ntsha di milione di le lesome le motso la di carats tsa diteemane.


Moepo wa Jwaneng o fira batho ba feta dikete tsa pedi le lekgolo . Moepo o ke one gape o o tlhokomelang le go laola sepatela mo Jwaneng le maemelo difofane a Jwaneng. Moepo o o na le setlankana sa tikologo e e siameng sa ISO 14001, e le one moepo wa ntlha mo Botswna go fitlhelela setlankana seo ka ngwaga wa 2000. Moeop wa Jwaneng o itsege ka tshireletsego ya maemo a ntlha, le go fenya dietsele tse dintsi mono Botswana le mo lefatsheng ka kakaretso.[4]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Inside the world's richest diamond mine - CNN.com". CNN. Retrieved 2015-12-03
  2. Lock, N.(February 2019). "Jwaneng - the untold story of the discovery of the world's richest diamond mine". Journal of the Southern African Institute of Mining and Metallurgy.119(2): 155–164. doi: 10.17159/2411-9717/2019/v119n2a8. ISSN 2225-6253
  3. "The state of 2013 global rough diamond supply". Resource Investor. January 22, 2013.Archived from the original on January 28, 2013. Retrieved 2013-02-04
  4. "Debswana Jwaneng Operations" Archived 2012-03-17 at the Wayback Machine