Jump to content

Mogakolodi Ngele

Go tswa ko Wikipedia
Mogakolodi Ngele
Motshameki wa kgwele ya dinao
Leina ka botlalo Mogakolodi Tsotso Ngele
Letsatsi la tsalo (1990-10-06) 6 October 1990 (age 35)
Lefelo la tsalo Gaborone, Botswana
Bolele 1.78 m (5 ft 10 in)
Maemo Attacking midfielder
Club information
Current team
Chippa United
Number 11
Tiro ya gagwe*
Dingwaga Setlhopha Metsh (Dinno)
2007–2011 Uniao Flamengo Santos
2011–2012 Township Rollers
2012–2015 Platinum Stars 67 (19)
2015–2019 Mamelodi Sundowns 11 (1)
2016–2017Bidvest Wits (loan) 18 (3)
2018Supersport United (loan) 8 (1)
2019–2020 Black Leopards 1 (0)
2020– Tshakhuma Tsha Madzivhandila
Setlhopha sa setshaba
2009– Botswana 35 (4)
*Metshameko ya gagwe le dinno, correct as of 23:02, 22 September 2019 (UTC)

Mogakolodi Ngele (o tshotswe ka Phalane a le malatsi a marataro 1990 mo Gaborone)[1] ke motshameki wa kgwele ya dinao yo o tshamekelang setlhopha sa Dinare FC[2] gammogo le setlhopha sa kgwele ya dinao sa lefatshe la Botswana e le motshameki wa legare. O ne a simolotse a le ko Mamelodi Sundowns mme a tlolela kwa Bidvest Wits[3]. O ne a tshameka Sejana sa Aforika sa Ditshaba ka 2012. Ka 2014 o ne a nna le ditumalano tsa kadimo tsa ngwaga tse tlhano le Mamelodi Sundowns F.C. mme e le gore o tlaa nna le setlhopha sa gagwe go fitlhelela paka ya tshameko ya 2014 -2015. O ne a adimiwa ke Bidvest Wits gape ka paka ya tshameko ya 2016-17 ko a neng a fenya gammogo le Bidvest Wits Absa Premiership morago ga go fenya Cape Town, Mamelodi Sunsowns le Kaizer Chiefs.

Morago ga go boela morago go tswa Bidvest Wits, ka paka ya metshameko ya 2017 -2018, o ne tlholwa ke go bona tshono ya go tshameka, a tshameka gangwe fela mo pakeng yotlhe ya metshameko ka mokatisi wa Mamelodi Sundowns ebong Pitso Mosimane o ne a re "o tlhoka go itshupa gore a o ka nna mo batshameking ba ntlha ba ba lesome le bongwe".

Ka Firikgong a le masome mabedi le boraro 2018 o ne adimiwa setlhopha sa Absa Premiership, Supersport United sebaka sa kgwedi tse thataro.

Magakolodi Ngele yo o itsegeng gape ka leina "Tsotso" mo bogompienong o tserwe ke setlhopha mo gae mo Botswana sa Dinare FC.

Boditshabatshaba

[fetola | Fetola Motswedi]

Dino tsa boditshabatshaba

[fetola | Fetola Motswedi]
Dino le maduo di kwala palo ya dino tsa Botswana pele.
No Letsatsi Lefelo Kgatlhanong Dino Maduo Kgaisano
1. Tlhakole a rogwa 2012 Stade d'Angondjé, Libreville, Gabon Mali 1–0 1–2 2012 Africa Cup of Nations
2. Seetebosiogo a le lesome le botlhano 2013 Lobatse Stadium, Lobatse, Botswana Central African Republic 2–2 3–2 2014 FIFA World Cup qualification
3. Phalane a le lesome le boraro 2015 Francistown Sports Complex, Francistown, Botswana Eritrea 1–1 4–0 2018 FIFA World Cup qualification
4. 3–1
5. Ngwanatsele a le lesome le borataro 2023 Obed Itani Chilume Stadium, Francistown, Botswana Mozambique 2–3 2–3 2026 FIFA World Cup qualification
  • Monosi wa dino tse di gaisang wa Mascom Top 8 Cup : 2012
  • Mofenyi wa Telkom knockout le Platinum Stars: 2013
  • Mofenyi wa MTN 8 le Platinum stars: 2013

Setlhopha

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Bommampodi jwa Absa Premiership 2016/17
  1. Mogakolodi Ngele , TransferMarkt.com, accessed 26/10/2022
  2. "Ex-Sundowns star Mogakolodi Ngele signs for ninth career club". 2025-07-18. Retrieved 20 Phalane 2025.
  3. WATCH | Mokwena reacts to being appointed as Sundowns head coach by Fukade E, Accessed 26/10/2022