Mogome

Go tswa ko Wikipedia
Mogome is located in Botswana
Mogome
Location of Mogome

Mogome ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motse o fa tlase ga tsela e e kopanyang Palapye le Mahalapye.Ditoropo tse di kgaoganngwa ke dikilomethara di le masome a matlhano Mogome o nale sekolo se se potana, gapw palo ya batho e ne e le makgolo a mararo,masome a bosupa le motso mo palo bathong ya ngwaga wa 2001.[1]

Banni ba Mogome ba rotloediwa bopelotlhomogi[fetola | Fetola Motswedi]

Modulasetilo wa mokgatlho wa Tapologong Association Rre Molemane Maje o kopile boeteledipele mo setshabeng go nna le seabe ka nako tsotlhe mo ditirong tsa bopelotlhomogi.O buile mafoko a ka matlhatso fa mokgatlho oo o ne o tshwere mogwanto wa dikhilometara di le masome a mabedi go kgobokanyetsa ba Motswedi Rehabilitation Centre madi.Rre Maje a re fa mongwe le mongwe a ka tsaya kgato go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng, matshego a tebelopele ya setshaba, Vision 2016, ke gone a ka atlegang.O ikuetse mo sechabeng gore batho botlhe ba rwale ditlhako go tsweledisa go thusa sekolo sa Motswedi Rehabilitation Centre ka dithuso tsa bopelotlhomogi.Rre Maje o buile a sa kgwe mathe ka batho ba ba itlhokomolosang bahumanegi mme a kopa setshaba go tsenya letsogo go thusa ba ba seng lesego mo botshelong.

A re manokonoko a lehuma a maswe mme a ka kgonwa fela fa mowa wa bopelotlhomogi o le teng mo setshabeng.Kgosi Mothibe Linchwe, le ene, o ne a rotloetsa batsadi le banana go tsenya letsogo mo ditirong tsa kutlwelobotlhoko.O ne a leboga barulaganyi ba mogwanto a bolela fa mogwanto e le nngwe ya ditsela tsa go itshidila mmele.E rile moemedi wa Setlogelwa-tsatsing Rre Michael Moji a bua a rotloetsa bana ba Motswedi Rehabilitation Centre go ithutuntsha thata mo go direng ka diatla gore ba tle ba kgone go ikgobokanyetsa madi a ba ka ithusang ka one.O boletse fa mokoduwe go tsosiwa o o itsosang ka jalo a ba kgothatsa go leka ka thata go itsosa botshelo jwa bone bo tokafale.

Badiri ba kgaolwana potana ya Legare ba gakolotswe go dira ka nata[fetola | Fetola Motswedi]

Badirela puso ba kgaolwana ya legare le tikologo ba ba duelwang ka letsatsi ba kgothaditswe go bereka ka mashetla le go ikanyega mo tirong le fa puso e santse a ba beile ka fa mosing mo go ba okeletsang dituelo.Ba kgothaditswe ke moeteledipele wa lekgotla la bone la babereki, Rre Johnson Motshwarakgole bosheng mo phuthegong e a neng a e tshwere le bone bosheng.Rre Motshwarakgole o ne a ba kopa gore ba ititee ka thupana fa ba tshwere tiro ya bone gore ba kgotsofatse mohiri, ba seka ba eletsa dithoto tsa motirong mo ba ka felelang ba di utswa jaaka fa go setse go nnile le dikgang dingwe tsa batho ba ba neng ba tshwarwa ba utswile dingwe tsa mo tirong."Bangwe ba atle ba tshwarwe ba utswile madi a puso ka go bereka ba eta ba ngwega mo tirong le boitseme." "Gape lo seka lwa dirisa dikoloi tsa Puso botlhaswa."E rile a bua ka go okeletsa babereki madi a re bone e le babueledi ba babereki ba buile le boeteledipele jwa puso gore ba ye go kopana go buisana ka dituelo tsa babereki jaanong ba maketse e re ba ise ba kopane tona wa tsa madi e ne a bo a ya go bua ka dituelo tsa babereki mo phatlalatsong ya madi, mme a teilwe go twe a name a tlogetse kgang eo.

"Tona ga a a obamela ditumalano tsa phuthego ya rona ya khansele e e tlhophilweng bosheng e tlhophelwa go boisana ka tse di tshwenyang jaaka dituelo tsa babereki le tse dingwe tse di tshwenyang babereki." Motshwarakgole a re mo malatsing a makhutshwane khansele ya bone e tlaa ya go kopanela kgang kgolo e le go bua ka dituelo tsa babereki. "Ka gore gompieno balemi bone ba filwe seabe sa bone jaanong re emetse sa babereki." E rile a wetsa kgang ya gagwe a ba leboga a re le fa ba sa amogele sepe ba leka go tsutlaganya bonnyennyane jo ba bo amogelang ba duelela bana dikole ba ba rekela dijo, diaparo, ba aga le go duela dipalamo gore bana ba kgone go ya dikoleng.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana/Mogome/Mahalapye

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-01-20.

Coordinates: 22°48′28″S 26°59′56″E / 22.80778°S 26.99889°E / -22.80778; 26.99889