Mohumagatsana Charlotte wa kwa Wales

Go tswa ko Wikipedia
Princess Charlotte
Princess Charlotte ka ngwaga wa 2022
Tsalo
Princess Charlotte of Cambridge

2015|5|2
St Mary's Hospital, London, England
Batsadis
  • William, Prince of Wales (father)
  • Catherine Middleton (mother)
MasikaPrince George of Wales, brother Prince Louis of Wales, brother

Mohumagatsana Charlotte wa kwa Wales o o tshotsweng ka ngwaga wa 2015, kgwedi ya Motsheganong e le malatsi a le mabedi, ke leloko la lolwapa lwa bogosi lwa kwa Britain. Ke ngwana wa bobedi gape e le ene fela mosetsana wa ga Kgosana William le mohumagatsana Catherine ba kwa Wales. Ke ngwana-wa-ngwana wa ga Kgosi Charles wa boraro, o mo maemong a boraro a tatelano ya bogosi jwa kwa Britain.

Fa a santse a le losea[fetola | Fetola Motswedi]

Mohumagatsana Charlotte o tshotswe ka Kgwedi ya Motsheganong e le malatsi a mabedi ka ngwaga wa 2015 kwa sepateleng sa St Mary's kwa Lontone. Nako e ne e le ya masome a mararo le bone morago ga borobabobedi mo mosong, ka nako e mmagwemogolo mo lotlhakoreng lwa ga rragwe, ebong Queen Elizabeth wa bobedi a neng a santse a busa. Ke ngwaga wa bobedi wa ga Kgosana William le Catherine, ba ka nako eo ba neng ba itsege ka Duke le Dutchess ba kwa Cambridge.[1] Matsalo a gagwe a ne a supiwa ka go thuntshiwa ga ditlhobolo[2] le go kgabisa mafelo a a botlhokwa ka mmala o o pinki.[3] Ka kgwedi ya Motsheganong e le malatsi a le mane, leina la gagwe la Charlotte Elizabeth Diana le ne la bolelwa,[4] e le go supa tlotla mo go rragwemogolo Charles, mmagwe-mogolwagolwane, le mmagwemogolo Diana, kgosatsana ya kwa Wales.[5][6] Charlotte o ne a kolobediwa ka Phukwi a le malatsi a matlhano ke Archbishop Justin Welby kwa kerekeng ya St Mary Magdalene kwa Sandringham.[7]

Kgodiso ya gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Charlotte le batsadi ba gagwe le bo kgaitsadie kwa setupung sa ntlo ya bogosi ya kwa Buckingham kwa moletlong wa matsalo a ga Queen Elizabeth ka ngwaga wa 2019

Lolwapa lo nnile kwa Anmer Hall kwa Norfolk ka nako ya Charlotte a santse a le losea, pele ga ba fudugela kwa ntlong ya bogosi ya Kensington ka ngwaga wa 2017.[8][9] Charlotte o ne a simolola sekolo sa bananyana kwa Willcocks Nursery School ka Firikgong 2018.[10] O ne a ya go tsena kwa sekolong se kgaitsadie George a neng a se tsena sa Thomas's School kwa Battersea kwa Lwetse ngwaga wa 2019 kwa a neng a dirisa leina la Charlotte Cambridge.[11] Ka ngwaga wa 2022, lolwapa lo ne lwa fudugela kwa Adelaide kwa Windsor Home Park,[12] kwa ene le bo kgaitsadie ba neng ba tsena sekolo kwa Lambrook, sekolo se se ikemetseng se se kwa Berkshire.[13][14]


Ka Lwetse a le malatsi a robabobedi ngwaga wa 2022, nkukuagwe Charlotte ebong Elizabeth wa bobedi o ne a tlhokafala, mme a tlhatlhangwa ke ntateagwe Charles wa boraro. Charlotte o ne a nna wa boraro mo tatelanong ya bogosi.[15][16] Charlotte le bokgaitsadie gangwe le gape ba tsamaya le batsadi ba bone mo ditirong tsa bogosi,[17] maeto le tsa botsalano le mafatshe a mangwe.[18][19]

Tebego mo sechabeng[fetola | Fetola Motswedi]

Le ntswa batsadi ba gagwe ba lekile go ba ntsha mo matlhong a sechaba,[20] dinepe le go tlhagelela ga ga Charlotte mo sechabeng go tsweletse ka go baka kgatlhego mo babegadikgangeng.[21] Dipalo tsa theko le dipotsoloso mo batsadiing di supa gore Charlotte ke motlhotlheletsi wa tsa kapari ya bana.[21] [22][23]

Maemo le mekgwa[fetola | Fetola Motswedi]

Charlotte ke mohumagatsana wa kwa Britain o maemo a gagwe e leng "Her Royal Highness, Princess Charlotte of Wales".[24] Pele ga rragwe a nna kgosana ya Wales ka Lwetse 2022, Charlotte o ne a itsege ka "Her Royal Highness Princess Charlotte of Cambridge."[25]

Tatelano[fetola | Fetola Motswedi]

Charlotte o mo maemong a boraro a bogosi jwa kwa Britain, o setse morago rragwe le kgaitsadie.[26][27] Ka ntlha ya tumalano ya Perthe e neng ya emelela go tlhopha bana ba basimane, o ne a seka a ya kwa tlase fa kgaitsadie o monnye Louis a tsholwa ka Mopitlo 2018, se se mo dira mohumagatsana wa ntlha wa kwa Britain mo ditsong go nna mo maemong a a kwa godimo ga a ga kgaitsadie.[28]

Kitso Tlaleletso[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Royal baby: William and Kate present daughter to the world". BBC News. 2 May 2015. Retrieved 8 May 2015.
  2. "Royal baby: London gun salutes mark birth of princess". BBC News. 4 May 2015. Retrieved 4 May 2015.
  3. "Royal baby: Princess's first night at Kensington Palace". BBC News. 3 May 2015. Retrieved 29 April 2018.
  4. "The Duke and Duchess of Cambridge name their baby" (Press release). Clarence House. 4 May 2015. Retrieved 7 May 2015.
  5. "Royal princess named Charlotte Elizabeth Diana". BBC. London. 4 May 2015. Archived from the original on 7 May 2015. Retrieved 16 May 2015.
  6. "Princess Charlotte Elizabeth Diana: why William and Kate made their name choices for royal baby". The Daily Telegraph. London. 4 May 2015. Archived from the original on 6 May 2015. Retrieved 16 May 2015.
  7. "Princess Charlotte is christened at a Sandringham church". BBC News. 5 July 2015. Retrieved 5 July 2015.
  8. Duboff, Josh. "Kate Middleton and Prince William Are Officially Moving to London This Fall". Vanity Fair. Retrieved 31 May 2021.
  9. Nicholl, Katie. "William and Kate Will Move into Anmer Hall Before the New Baby Arrives". Vanity Fair. Retrieved 31 May 2021.
  10. "Princess Charlotte to start nursery school in January". BBC. 18 December 2017. Retrieved 18 December 2017.
  11. Napoli, Jessica (24 May 2019). "Princess Charlotte to attend same school as brother Prince George". Fox News. Retrieved 25 June 2019.
  12. Wylie, Catherine (3 September 2022). "Cambridges have moved into new Windsor home, sources say". Evening Standard. Retrieved 9 September 2022.
  13. Elston, Laura (22 August 2022). "Lambrook: Inside George, Charlotte and Louis' new £7,000-per term school". The Independent. Retrieved 22 August 2022.
  14. Haq, Sana Noor (8 September 2022). "Royal children George, Charlotte and Louis arrive for first day at new school". CNN. Retrieved 8 August 2022.
  15. "Royal Family tree: William confirmed as Prince of Wales". BBC News. 9 September 2022. Retrieved 10 September 2022.
  16. "Queen Elizabeth II has died". BBC News. 8 September 2022. Retrieved 9 September 2022.
  17. "Prince William and Kate make red carpet debut with royal children". BBC News. 11 December 2020. Archived from the original on 23 December 2020. Retrieved 2 January 2021. Prince George, Princess Charlotte and Prince Louis watched a performance of Pantoland at the London Palladium with their parents in the royal box.
  18. Hunter, Justine (1 October 2016). "Prince William, Kate and children bid farewell to Canada as royal tour ends". The Globe and Mail. Archived from the original on 5 May 2021. Retrieved 23 May 2017. The Duke and Duchess of Cambridge ended their Canadian tour on Saturday in Victoria's inner harbour, greeted by delighted cheers as three-year-old Prince George peered out at the crowd and waved with both hands.
  19. Hunt, Peter (17 July 2017). "George and Charlotte join Poland and Germany diplomacy tour". BBC News. Archived from the original on 6 May 2021. Retrieved 29 April 2018. Kensington Palace said Prince George, three, and Princess Charlotte, two, would be seen 'on at least a couple of occasions over the course of the week'.
  20. Hunt, Peter (29 September 2016). "Prince George and Princess Charlotte in Canada play day". BBC News. Retrieved 29 April 2018.
  21. 21.0 21.1 Spedding, Emma (1 May 2016). "The Princess Charlotte Effect: inside the clothing frenzy caused by a Royal one-year-old". The Telegraph. Archived from the original on 12 January 2022. Retrieved 18 December 2017.
  22. Proudfoot, Jenny (21 August 2019). "Here's why Princess Charlotte is worth more than her brothers". Marie Claire. Retrieved 3 January 2021.
  23. Taylor, Elyse (24 July 2018). "This is why Princess Charlotte is worth billions more than her brothers Prince George and Prince Louis". Vogue Australia. Retrieved 3 January 2021.
  24. LeGardye, Quinci (10 September 2022). "Prince George, Princess Charlotte, and Prince Louis Receive New Titles". Yahoo News UK. Retrieved 6 October 2022.
  25. "Royal princess named Charlotte Elizabeth Diana". BBC News. 4 May 2015. Retrieved 6 October 2022.
  26. "The Duke and Duchess of Cambridge are expecting their second child" (Press release). Clarence House. 8 September 2014. Archived from the original on 8 September 2014. Retrieved 8 September 2014.
  27. "Duchess of Cambridge pregnant with second child". BBC News. 8 September 2014. Retrieved 8 September 2014.
  28. "Royal baby: Duchess of Cambridge gives birth to new prince". BBC News. 23 April 2018. Retrieved 23 April 2018.