Mokgware

Go tswa ko Wikipedia
Mokgware is located in Botswana
Mokgware
Location of Mokgware

Mokgware ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motse o dikhilomithara dile masome matlhano kwa bokone jwa Mahalapye, gape o na le sekolo se se botlana. Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne dile makgolo a mararo,masome a mararo le botlhano.[1]

Khumanego ya kwa Mokgware ke kgwetlho[fetola | Fetola Motswedi]

Botlhoki e ntse ke kgwetlho e tona kwa kgaolong potlana ya Palapye jaaka bomme ba le bantsi go feta borre ba humanegile.Modulasetilo wa khansele potlana ya kgaolo Rre Onneetse Ramogapi o boletse beke eno gore mo batlhoking ba ba 1507 ba ba kwadisitsweng, ba ba 1062 ke bomme fa borre ba le palo potlana.A re se se swabisang ke gore ba ba thusiwang ka lenaneo le ga ba kgatlhegele mananeo a go ba thusa go itshetsa. "Batho bano ba santse ba ikaegile thata ka mephako ya mmuso mo ba sa dumeleng go ipopa ditlhopha kgotsa ka bonosi ba inaakanya le ditiro tsa go ba nonotsha mo itsholelong," a tlhalosa.

Rre Ramogapi le gale a re khansele e tsweletse ka go rutuntsha le go batlisisa tse di tlhokwang ke batho ba, le go lwantsha kgwetlho eo.O bile a lela ka tlhaelo ya madi a tlhokomelo ya dikhutsana le lenaneo la tlhokomelelo mo lwapeng le a reng, le ntswa le na le palo e ntsi ya dikhutsana tse di kwadisitsweng ya 2390, le direla mo tlhaelo ya madi ya boleng jo bo fetang P5 million.

Banni ba kokonelwa ke lenyora[fetola | Fetola Motswedi]

Tlhaelo ya metsi e apesitse banni ba Mokgware kobo ka letshoba.E setse e le sebaka sa kgwedi motse wa Mokgware o le mo leshekereng la tlhaelo ya metsi, e ba koporase ya metsi ba tlhalositseng fa e bakilwe ke tlhaelo ya metsi ka fa tlase ga lefatshe. Mogolwane wa koporase ya metsi Mme Daphne Motsumi o tlhalositse fa didiba tse di nosang motse wa Mokgware di se na metsi e bile di tswa seretse fela, mo go supang gore metsi ka fa tlase ga lefatshe a fedile.E setse e le selelo sa khuranyo ya meno ka bangwe jaanong ba setse ba simolotse dikgwebo tsa go rekisa metsi.Mme Ntesetsang Gaobonegwe o tlhalositse mo potsolosong fa seemo se se kokonetse banni ba Mokgware. A re selekanyo sa sekupu sa 25L se rekisiwa P2.50, a tlatsa ka gore fa madi a seyo ba wela mo isong. A re seemo se se kokonetse le bana ba dikole ka ba setse ba ya dikoleng ka diaparo tse di seng phepa e bile ba sa tlhapa.Le fa ba koporase ya metsi ba dira maiteko a go tlisa metsi ka dikoloi, ga a lekane banni ba Mokgware.

Mma Motsumi o tlhalositse fa banni ba Mokgware ba tlhoka metsi a mantsi mme koporase ya metsi e sa kgone go emelana le letlhoko la metsi mo motseng oo.A re letamo la Lotsane le le sa ntseng le agiwa ke lone le le tsileng go rarabolola tlhaelo ya metsi. A re go bokete mo koporaseng ya metsi go tshelela metsi metse e e mo leshekereng la lenyora ka gore metse ya go nna jalo e mmalwa ntswa dikoloi tsa metsi di le nne fela. O tlhalositse le gore koporase ya metsi e na le kgwetlho a re ba tshelela metse e tshwana le Radisele, Mokgware, Tamasane le Malaka metsi.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana Palapye


Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-01-20.

Coordinates: 22°46′19″S 26°47′47″E / 22.77194°S 26.79639°E / -22.77194; 26.79639