Motse wa Middlepits
Middlepits ke motse mo kgaolong ya Kgalagadi mo Botswana. E kopanetse molelwane le Aforika Borwa mme ebile ena le makgabaganyo a molelwane go tsena lego tswa mo lefatsheng.
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Middlepits emo sekakeng sa Kgalagadi mme ebile ena le lefatshe lele nang le motlhaba o montsi le mangwete a mantsi a calcium kafa tlase ga motlhaba. Jaaka fa go kgothega ga mme mogo dirwang ke phefo go gakala matlapa kana mangwete a a bonala thata moo go kgonang go kgoreletsa go dirwa ga matlo a boithusetso a mosima. Seemo sa loapi kese se omeletseng thata mo Middlepits lefa ele nako ya dipula tota mme seo se dira gore temo e nne dingalo.
Middlepits ena le dikgotlana di le tharo ebong – Lesedi ,Moshetlhogo le Manyamu.
Bontsi jwa batho kwa Middlepits ba bua Setswana,mme Aforikanse le yone e dirisiwa ke bontsi jaaka teme ya gotswa lebeleng. Sekgowa le sone se tlhaloganngwa ke batho bale mokawana.
Go nale dikgwebo tse dimokawana mo Middlepits tse di akaretsang maitiso a bojalwa ale mabedi, mabentlele a dijo ale mabedi, lefelo lego apeelwang borotho teng le dimausu dile mokawana. Le fa gontsi jalo bontsi jwa batho ba Middlepits gabana ditiro.
Middlepits ena le dikole di le pedi tseo di akaretsang sekole sese botlana sese rutang baithuti ba lekwalo la ntlha go tsena ka la bosupa le sekole sese fa gare seo se rutang baithuti gotswa ka lekwalo la ntlha gotsena kala boraro la baithuti ba ba fa gare. Selekanyo sa baithuti baka tshwara diperesente di le masome a supa ba sekole se se fa gare sa Kgolagano ba nna mo sekoleng. Bontsi jwa baithuti ba ba nnang mo sekoleng ba tswa mo Boravast, eo eleng Boskpits le mafelo aa mo tikologong. Baithuti baba dirilweng sentle ba amogelwa kwa sekoleng se segolwane sa Matsha ko Kang go ya go tsweledisa dithuto tsa bone.
Selekanyo sa batho ka palo ya batho ya ngwaga wa 2011 ene ele sekete, lekgolo le masome a mabedi le bongwe (1.121).[1]
Dipalamo dia sokodisa moteng ga Middlepits le metsi ee mabapi. Gona le bese ee tswang kwa Gachibana eya Tsabong, mme e dira jalo gabedi ka letsatsi. Gona le bese e nngwe gape ee tswang kwa Boskpits eya Tsabong abo e bua gape lefa ntswa esa dire jalo kgapetsakgapetsa. Bontsi jwa batho ba kgona kago kopa mosepele mo go ba bangwe go ya Tsabong. Ga gona dikhombi le fa ele ditekisi mo Middlepits.
Go na le mabala a kgwele ya dinao ale mabedi mo Middlepits, le lebala la bolo tlowa le la bolo ya sephailane kwa mabaleng a mapodi. Go na le mokgatlho wa diaerobics oo kopanang beke le beke.
Gona le kokelwana ele nngwe ee thusang batho mo Middlepits mme gape e okametse seka dikokelwana tsa metse ee mabapi e metlhano ya (Khuis,Khawa, Kolokwaneng, Bogogobo le ga Khibana). Kokelwana e aba dipilisi tsa thitibatso mogare(ARVs) gangwe mo bekeng. Gona gape le kantoro ya thusano le ditlhabololo tsa motse. Kantoro ya poso ena le ditirelo tsa tiroso ya data eo e dirisiwang ka dithebenyana fela tse di kwa tlase mo nakong e khutshwane. Gona le thuso ya motlobo wa dibuka ya go gogwa mo Middlepits.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ 2011 Botswana Population and Housing Census" (PDF). Archived from the original (PDF) on 23 September 2015. Retrieved 21 May 2024