Nadia Nakai
Nadia Nakai | |
|---|---|
| Background information | |
| Leina la Matsalo | Nadia Nakai Dlamini |
| Tsalo | 18 Moranang 1990 |first=Boitumelo |last=Mmakou |title=Up Close & Personal With Nadia Nakai |website=Bona Magazine |date=30 January 2015 |url=https://www.bona.co.za/close-personal-nadia-nakai/ |archive-url=https://web.archive.org/web/20190618132844/https://www.bona.co.za/close-personal-nadia-nakai/ |archive-date=18 June 2019 |url-status=dead |quote=Although I have a Zimbabwean heritage, I was born and raised in South Africa.}}</ref> |
| Letso | Johannesburg[1] |
| Ke mo | Tempolete:Unbulletedlist |
| Mefota | Hip hop |
| Ditiro |
|
| Labels |
|
Nadia Nakai Kandava (e ne e le Dlamini[2]; o tshostwe ka 18 Motsheganong 1990),[3][4] ke mo Zimbabwe le mo Aforika Borwa yo dirang ka mmino le go tlhagisiwa mo thelebiseneng.[5]
Tsa Botshelo le Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Nadia o belegetswe mo Aforika Borwa.[2] Rraagwe otswa mo Aforika Borwa mme mmaagwe o tswa kwa Zimbabwe.[6] Fa a ne ale 16 ka dingwaga, sefane sa gagwe se ne sa fetolwa gotswa go sa rraagwe go ya go sa mmaagwe.
Nadia o tsene sekolo se se golwane sa Fourways kwa Johannesburg ngwaga fela ka ane a feditse dithuto tsa gagwe kwa Kenya. Morago o ithutetse dikerii mo go marketing, tsa puisano, le dithuto tsa bobegadikgang kwa Yunibesithi ya Monash,Johannesburg.
Ka Mmino
[fetola | Fetola Motswedi]Nakai o tlhageletse ga ntlha mo thelebiseneng mo e.tv ka lenaneo la Shiz Niz kwa a fentseng phadisano ya Mixtape 101, se semo dirang mosadi wa ntlha wa go fenya phadisano. O bile a itsege ka Lwetse 2013, fa ane a golola pina ya gagwe e nngwe "Like Me". Ngwaga o o latelang, o ne a tsengwa mo pineng ya Ricky Rick, Amantombazane le go tse dingwe tsa Aforika Borwa. Ge ele ka 2015, Nadia o golotse pina ya gagwe ya boraro "Saka Wena" a nale seopedi Ice Prince, go latela pina ya gagwe ya bobedi e le nngwe, "Whatever" a nale DotCom le Psyfo.[7]
Ka Phatwe 2016, Nakai o ne a golola pina ya gagwe eo e neng e sa phatlalatswa "The Man" go nale Cassper Nyovest go tswa go EP, Bragga. Bragga yona e ne e golotswe ka 15 Lwetswe 2016. Ka Ngwanatsele 2017, Nadia o golotse pina ya gagwe " Naaa Meann" a nale Cassper Nyovest. Pina e ne a ya ratiwa le go feta tsotlhe tse neng di phatlhalatswa mo seyalemoweng mo nageng ya Aforika Borwa.
Tsa Thelebisene
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 2021, Nakai otshwere lenaneo la setlha sa ntlha sa Channel O's Gen-Z South Africa mo thelebiseneng. Ka Seetebosigo 2021,o tlogetse go nna karolo ya Family Tree ya tsa mmino go tsweletsa kgwebo e eleng ya gagwe. Ka 2021 kwa South African Hip Hop Awards, Nakai o amogetswe go tlhopiwa jaaka seopedi sa ngwagasome.
Ka 2022, Nakai o tlhageletse mo lenaneong la boammaruri la Netflix Young, Famous & African.[8]
Tsa Botshelo/Lorato
[fetola | Fetola Motswedi]O ne a amana ka tsa marato le AKA yo o tlhokafetseng wa Aforika Borwa yo o dirang ka mmino.[9][10]
- ↑ "Nadia Nakai". Def Jam Africa (in American English). Archived from the original on 19 February 2023. Retrieved 2023-02-19.
- 1 2 "Hip Hop Awards 2022: Who is Nadia Nakai? Meet Burgeoning South African Hip Hop Star". BET. Archived from the original on 4 October 2022. Retrieved 18 October 2023.
- ↑ "SEE: Nadia Nakai celebrates 30th birthday". www.glamour.co.za. Archived from the original on 1 March 2022. Retrieved 1 March 2022
- ↑ Jovaza (18 May 2021). "Nadia Nakai excited to celebrate her 31st birthday today -". Archived from the original on 24 October 2021. Retrieved 1 March 2022.
- ↑ "Nakai: Rising rap queen". The Zimbabwe Independent. Archived from the original on 11 May 2020. Retrieved 3 October 2018.
- ↑ Sekhu, Michael (19 May 2020). "8 fun facts you may not know about Nadia Nakai". The Citizen. Archived from the original on 17 January 2022. Retrieved 20 March 2022.
- ↑ Nadia Nakai makes her mark in three-step with empowering single, ‘Umfazi’ (msn.com)
- ↑ Young, Famous and African returns for second season - The Standard Entertainment (standardmedia.co.ke)
- ↑ Nadia Nakai's heartbreaking tribute to AKA - The Standard Entertainment (standardmedia.co.ke)
- ↑ Here's how Nadia Nakai is planning to deal with pain of losing her boyfriend AKA (msn.com)
