Natasha Joubert
Natasha Joubert | |
|---|---|
Joubert in 2021 | |
| Tsalo | 23 July 1997 |
| Thuto | Boston City Campus and Business College (BComm) |
| Bolele | 1.71 m (5 ft 7+1⁄2 in) |
| Beauty pageant titleholder | |
| Lebante |
|
| Mmala wa moriri | Brown |
| Mmala wa matho | Green |
| Dikgaisano tsa konokono |
|
Natasha Joubert o tshotswe ka 24 Phukwi 1997, ke motshwari wa sekgele sa kgaisano ya bontle ya Aforika Borwa yo o neng a rwesiwa serwalatlhogo sa Mohumagatsana wa Aforika Borwa ka 2023. Pele e ne e le mofenyi wa bobedi mo go Mohumagatsana wa Aforika Borwa wa 2020 mme moragonyana a emela Aforika Borwa kwa kgaisanong ya Mohumagatsana wa mafatshe otlhe la 2020.
Tsa Botshelo
[fetola | Fetola Motswedi]Joubert o tshotswe kwa Pretoria.[1] Rraagwe o ne a tlhokafala fa Joubert a ne a le mo dingwageng tsa bolesome, fa mmaagwe Ninette, e ne e le moithuti wa ngwaga wa bofelo wa dikirii tsa molao ka nako ya fa Joubert a ne a gaisana mo kgaisanong ya Mohumagatsana wa Lefatshe wa Aforika Borwa 2020. Ke ene yo mmotlana mo baneng ba le bararo go batsadi ba gagwe.[1]
Joubert o goletse kwa Centurion, Gauteng, mme a tsena sekolo sa Hoërskool Eldoraigne.[1] Morago ga moo o ne a ikwadisa kwa Boston City Campus and Business College mme a amogela dikirii ya kgwebo mo botsamaisi jwa papatso ka 2020.[2] Pele ga Mohumagatsana wa Aforika Borwa wa 2020, Joubert o ne a dira jaaka motlhankedi wa dikamano tsa setšhaba mo femeng ya molao mme gape e ne e le mothei le mong wa kgwebo ya go tlhama diaparo tsa feshene e bong Natalia Jefferys.[1]
Ke moratiwa wa monna wa gagwe go tswa kwa sekolong se segolwane, Enrico Vermaak, mme ba sa tswa go amogela ngwana wa bone wa ntlha. Natasha Joubert o nyetse molekane wa gagwe wa nako e telele, Enrico Vermaak, ka 16 Mopitlwe 2025, mo moletlong o mogolo kwa Cavalli Estate kwa Cape Town. Banyalani ba, ba ne ba nna mmogo dingwaga tse di fetang robedi, ba itsise ka go beeletsana ga bone ka Tlhakole 2024.[3]
Natasha Joubert le monna wa gagwe, Enrico Vermaak, ba ne ba amogela ngwana wa bone wa ntlha, ngwana wa mosetsana yo o bidiwang Klein Vermaakie, ka 11 Mopitlwe 2026. Ngwana o ne a tsholwa morago ga go belega diura di le 30 a le dibeke di le 41 le malatsi a le 2. Banyalani bano ba ne ba ananya matlhasedi a loeto lwa bone lo lentsha mo.[4]
Tsa Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Joubert o simolotse tiro ya gagwe ya go nna mmmabontle ka ngwaga wa 2016 fa a ne a gaisana mo kgaisanong ya Miss Globe ya Aforika Borwa wa 2016. O ne a fenya sekgele mme a tswelela go nna mo maemong a ba batlhano ba ba kwa godimo kwa Miss Globe 2016.[5]
Mmaagwe, Ninette, ke molekane wa gagwe wa kgwebo. Ka ga thuto, o na le B.Com in Marketing Management go tswa kwa Boston City Campus 2020. O simolotse khamphani ya gagwe ya diaparo, Natalia Jefferys, a le dingwaga di le 19. O ne gape a dira jaaka mookamedi wa dikamano tsa setšhaba. O itebagantse le thuto, kgwebisano, mme o simolotse lenaneo la "Natasha Joubert Collective" la dithuso, e leng boemedi.
Mmabontle
[fetola | Fetola Motswedi]Miss Universe 2020
Ka ngwaga wa 2020, Joubert o ne a ikwadisa go gaisana mo kgaisanong ya Mohumagatsana wa Aforika Borwa 2020. Ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le lesome le motso 2020, go ne ga itsisiwe gore Joubert o gatetse pele jaaka mongwe wa basadi ba le masome a mararo le botlhano ba ba neng ba tlhophilwe go tsaya karolo mo ditlhatlhobong tse dingwe.[6]Moragonyana o ne a itsisiwe jaaka mongwe wa ba ba kwa godimo ba le lesome le botlhano ba ba neng ba tsena mo makgaolakgannyeng ka Seetebosigo a tlhola malatsi a le masome a mabedi le bone,[7][8][9] le jaaka mongwe wa ba ba lesome ba ba neng ba tsena mo makgaolakgannyeng ka kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi a le matlhano.[2]
Joubert o ne a gaisana mo makgaolakgannyeng a Mohumagatsana wa Aforika Borwa wa 2020 ka kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bone kwa Hoteleng ya The Table Bay kwa Motsekapa. O ne a feleletsa a gatela pele go ya kwa go ba ba tlhano ba ba kwa godimo, mme moragonyana a ya kwa go ba bararo ba ba kwa godimo. Fa a sena go fitlha kwa maemong a ntlha a mararo, o ne a nna mofenyi wa bobedi, morago ga mofenyi ebong Shudufhadzo Musida le mofenyi wa ntlha Thato Mosehle.[10][11][12] [13][14][15]Ka Sedimonthole a tlhola malatsi a le lesome, go ne ga itsisiwe gore Joubert o tlhophilwe ke Mokgatlho wa Mohumagatsana wa Aforika Borwa go dira jaaka Mohumagatsana wa Lefatshe Lotlhe wa Aforika Borwa wa 2020.[16] O ne a emela Aforikaborwa kwa Miss Universe 2020, mme ga a ka a nna mo maemong a a kwa godimo mo go ba ba masome a mabedi le motso.[17]


Miss SA 2023
[fetola | Fetola Motswedi]Ke mmotlelara wa Afrika Borwa le mofenyi wa kgaisano ya bontle yo o neng a rwesiwa korone ya Miss South Africa 2023. O kile a bo a le mo maemong a bobedi mo kgaisanong ya Miss South Africa 2020, mme morago abo a emela Aforika Borwa mo kgaisanong ya Miss Universe 2020.
Natasha Joubert o simolotse tiro ya gagwe ya mmamoratwa ya bontle ka 2016 fa ane a tsaya karolo mo go Miss Globe South Africa 2016. O fentse mme a ya go emela Miss Globe South Africa e le wa bo 5.
Ka 2020 Joubert one a ikwadisetsa go tsenela le go tsaya karolo mo go Miss South Africa 2020. Ka 11 Seetebosigo 2020, go begilwe gore Joubert one a tlhopilwe le basadi bangwe ba le 35 go tsaya karolo mo di putsisong.[18] Morago o ne a begwa e le mongwe wa bao ba fitlhetseng maemo abo 15 go ba ba setseng ka 25 Seetebosigo,[9][19][8] gape e le mongwe wa ba le lesome ba bofelo ka 5 Phukwi[20]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 "Runners-Up". Miss South Africa. Retrieved 10 December 2020.
- 1 2 Morkel, Graye (5 August 2020). "Here are the 2020 Miss South Africa top 10". News 24
- ↑ https://iol.co.za/lifestyle/style-beauty/weddings/2025-03-20-look-natasha-joubert-finally-shares-stunning-images-from-her-fairytale-wedding/
- ↑ https://www.msn.com/en-za/news/other/photos-natasha-joubert-announces-the-birth-of-her-baby-girl/ar-AA1ZrqCS
- ↑ Two local women in top 30 of Miss South Africa". Pretoria Rekord. 25 May 2023.
- ↑ Miss South Africa top 35 announced". news24.com. 11 June 2020. Retrieved 11 June 2020.
- ↑ "Miss South Africa 2020 top 15 revealed". Citizen. 24 June 2020
- 1 2 "Meet the Miss South Africa 2020 top 15 semi-finalists". Independent Online. 24 June 2020.
- 1 2 "Miss South Africa 2020 top 15 revealed". Citizen. 24 June 2020.
- ↑ "Shudufhadzo Musida crowned Miss SA 2020 | eNCA". www.enca.com. Archived from the original on 26 October 2020. Retrieved 24 October 2020.
- ↑ "Social media reacts to Shudufhadzo Musida's 'game changing' Miss SA win".TimesLIVE. Retrieved 24 October 2020.
- ↑ "And the winner of Miss SA 2020 is ..." TimesLIVE. Retrieved 10 December 2020.
- ↑ "'The journey was amazing,' says Miss SA 2020 Shudufhadzo Musida".www.iol.co.za. Retrieved 24 October 2020.
- ↑ "From plans for her reign to her celeb crush: Getting to know Shudufhadzo Musida". Channel. 24 October 2020. Retrieved 24 October 2020.
- ↑ "Three UP community members selected as semi-finalists in Miss South Africa pageant | University of Pretoria". www.up.ac.za. Retrieved 24 October 2020
- ↑ "Who is Natasha Joubert? Ten things to know about SA's 'new Miss Universe'". The South African. 10 December 2020. Retrieved 10 December 2020.
- ↑ "LIST: Miss Universe 2020 top 10". Yahoo! News. 16 May 2021. Retrieved 6 September 2022
- ↑ "Miss South Africa top 35 announced". news24.com. Retrieved June 11, 2020.
- ↑ Morkel, Graye (24 June 2020). "Meet the Miss South Africa 2020 top 15". News 24.
- ↑ Morkel, Graye (5 August 2020). "Here are the 2020 Miss South Africa top 10". News 24.