Ngarange
Ngarange ke motsana yo o mo kgaolong ya bokone bophirima jwa Botswana. Motse o o fitlhelwa gaotshwane le noka ya Okavango, e e gaotshwane le molelwane wa Namibia. Mo palong batho ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne dile makgolo a borobabongwe le masome a mane le borobobedi.
Ba Ngarange ba amogilwe dikarata tsa Omang
[fetola | Fetola Motswedi]Puso e kopilwe go itlhaganelela go rarabolola kgang ya batho bangwe ba motse wa Ngarange mo Okavango ba ba amogilweng boagedi ka dipelaelo tsa gore ke batswakwa.Kopo eo e tsile ka mogokgo wa sekole se se botlana sa Ngarange, rre Stephen Lucas, mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa Okavango rre Vister Moruti kwa Xaudumo.Rre Lucas a re e ne ya re ka 2004, ba lephata la mesepele go tswa Gumare ba amoga batho bangwe ba motse wa Ngarange dikarata tsa Omang ba bo ba ba busetsa kwa lefatsheng la Namibia kwa go dumelwang ba tlholega teng.A re e ne ya re morago ga malatsinyana batho bao ba bontsi jwa bone e leng ba letso la Sesarwa ba boela mo Botswana kwa motseng wa Ngarange.A re fa e sa le yone nako eo, batho bao ba na le mathata ka gore ga ba kgone go bona dithuso tsa puso ka go tsewa gore ke batswakwa.Mogokgo a re bana ba batsadi bao ba rontshitswe tshwanelo ya thuto ka ba sa letlelelwe go boela mo sekoleng.Rre Lucas a re kgang eo e a tshwenya ka gore mo tshimologong ya ngwaga le ngwaga, batsadi ba bana bao ba ya kwa sekoleng go leka go kwadisa bana ntswa go sa kgonagale.A re se se hutsafatsang ke gore bana bao ba sasankega mo motseng fa bangwe ba bone ba setse ba na le bana.O kopile puso go itlhaganelela go thusa batho bao gore fa e le gore go ka twe ke batswakwa, ba busediwe ga bone kgotsa ba neelwe boagedi jwa lefatshe leno.E ne ya re a tsibogela seo, rre Moruti a bolela fa kgang eo e setse e le kwa go tona yo o lebanyeng, legale o solofeditse go e sala morago ka e tshwenya.
Khansele e tlisa dithabololo
[fetola | Fetola Motswedi]Mothusa modulasetilo wa kgaolo ya bokone bophirima, Rre Lathang Molonda, o akgoletse ba ofisi ya kanamiso ya dithoto kwa kgaolong eo go tsenyetsa malwapa a batlhoki a le mabedi dipompo tsa metsi kwa Maun.O ne a bolela gore go dira jalo go supa gore khansele ya bokone bophirima e tlhokometse batho, e tlhabolola matshelo a batho ba yone e bile e isa ditirelo kwa setshabeng. Rre Molonda o ne a bua jalo kwa moletlong wa go abela bana ba malwapa ao, ba e leng masiela kwa kgotleng ya Boseja/Kubung kwa Maun ka Laboraro. O ne a tswelela ka go kopa maphata a mangwe go dira jaaka bone, go fa batlhoki dithuso tse ba ka di kgonang gore ba ba ntshe mo lehumeng.Modulasetilo wa komiti ya go isa dithuso kwa bathong, Rre Gaotwesepe Barwatlhapi, o ne a re ba simolotse dithuso tseo mo ngwageng o o fetileng.O ne a bolela gore madi a ba neng ba reka ka one, a ne kgobokanngwa ka go koleka 50 thebe ka letsatsi, fa a kopanngwa otlhe e nna P120.
Rre Barwatlhapi o ne a bolela gore go fa dithuso ke bontlhabongwe jwa go araba boikuelo jwa ga Tautona Khama jwa gore batlhoki ba thusiwe, a bolela le gore ba tlaa oketsa palo ya dipompo mo ngwageng e e tlang go nna nne. Mogolwane wa kanamiso dithoto wa kgaolo ya bokone bophirima, Rre Gaokaelwe Mpho, yo le ene a thusitseng thata ka mogopolo wa go thusa masiela, le ene ka nosi e le lesiela, o ne a tlhalosa ka botlhoko jwa go nna lesiela, bogolo jang fa go se na mogolo yo o go thusang go lebagana le dikgwetlho. O ne a tlhalosa gore ba ne ba tlhopha malwapa a batlhoki ka khupelekhupele, ba thusiwa ke ba ofisi ya boipelego go leba ba seemo sa bone.Mokhanselara wa kgotla ya Boseja/Kubung, Rre Vepaune Moreti, o ne a bolela gore go lebega lenaneo la ga Tautona la go thusa batlhoki le tsweletse sentle e bile le tlaa nna le maduo a a bonalang.
Dikgoge tsa kwa ntle
[fetola | Fetola Motswedi]Dipadi tse dingwe.
[fetola | Fetola Motswedi]
Coordinates: 18°23′46″S 22°00′18″E / 18.39611°S 22.00500°E