Jump to content

Noka ya Boteti

Go tswa ko Wikipedia

The Boteti River.

Noka ya Boteti e e etsegeng gape ka (Botlele [1][2] kgotsa Botleli)[3] ke motswedi wa metsi a tlholego mo Botswana. Noka ena e tsaya metsi a yone mo metsweding e e elang go tswa Letamong la Okavango a feta ka noka ya Thamalakane mo Maun.

Thutometsi

[fetola | Fetola Motswedi]

E ne e ela ngwaga otlhe o pele ga le gare la dingwaga tsa 1990s,[1] mme go ela gone ga fokotsega le dipaka. Ka paka tsa dipula noka ya Boteti e kgwela metsi a yone mo Makgadikgadi Pan,[1] e tsisa botshelo mo lefelong leo le temo ga mmogo le dipoele mo temong.[4] Ka nako tsa komelelo noka ya Boteti e botlhokwa fela thata ka e nna lefelo la Bokopano jwa diphologolo tsa naga, ka gore matamo a mantsi a bo a sena metsi a mantsi.[5]

Noka ya Boteti e tshela metsi a yone go tswa borwa botlhaba[6] mo nokeng ya Thamalakane kwa Toteng, e bo e ela ntlheng tsa Bokone a feta ka Tlkaseoulo, e feta gape ka Ghautsa Fall, e bo a elela ntlheng ya botlhabatsatsi go feta motse wa Makalamabedi[7], Muekekle le Matima, go tswa foo kwa Kwaraga e bo e leba Borwa e feta motse wa Phukumakaku, Sukwane, Rakops (Jacops) le Xhumo (Khomo).[2] E bo e elela e feta Tamo ya Xau (kana ka ngwaga wa pula e tsene ebo e fete ka letamo la Xau) e bo e leba botlhabatsatsi e feta ka motse wa Mopipi (Madista) e bo e tsena ka Ntwetwe Pan.[2]

Noka ya Boteti e thapologa go tswa Ngamiland go ya kgaolo kgolo ya Boteti ko e dirisiwang go tlatsa tamo ya Mopipi, e e leng botlhokwa thata mo meepong ya diteemane tsa lefelo leo, e leng moepo wa diteemane wa Orapa.[5][8] Go fetolwa ga noka e go tlogetse batho ba ba nnang gaofi nayo ba sena metsi a a phepa, gape ba sala jaanong ba sa kitla ba tshwara ditlhapi, kana go dirisa noka jaaka ene e le tlwaelo.

Bogologo Boteti ene a itsege e le lefelo le legolo le le lemang mmedi, le na le di hekere dile makgolo a masome mabedi ka fa tlase ga temo go fitlhela ngwaga wa 1980.Le fa go ntse jalo, palo le bogolo jwa dingwaga tse di metsi di fokotsegile, mme noka e ne ya tsenngwa mosele kwa tlase ga Rakops go oketsa kelelo go ya kwa Letamong la Mopipi.[9] E ne e elela ngwaga otlhe pele ga bogareng jwa dingwaga tsa bo 1990,[1] morago ga moo go fokotsega ga kelelo go ne ga baka go oma ga paka mo mafelong mangwe a a kwa tlase.

Bona gape

[fetola | Fetola Motswedi]

Dikgoge tsa kwa ntle

[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana Botswana/Boteti River

  1. 1 2 3 4 Helgren, David M. ( 1984) "Historical Geomorphology and Geoarchaeology in the Southwestern Makgadikgadi Basin, Botswana" Annals of the Association of American Geographers 74(2): pp. 298–307, page 298
  2. 1 2 3 Johannesburg Sheet 34, Edition 5, TPC, 1970, Series 2201, U.S. Army Map Service
  3. "Profile. Okavango" (PDF). UN.
  4. Hogan, C. Michael (2008) "Makgadikgadi" at Burnham, A. (editor) The Megalithic Portal
  5. 1 2 Murphy, Alan; Armstrong, Kate; Firestone, Matthew D.; and Fitzpatrick, Mary (2007) Southern Africa: Join the Safari (4th edition) Lonely Planet, Footscray, Victoria, Australia, page 100, ISBN 978-1-74059-745-6
  6. Boteti River (n.d.). In Encyclopædia Britannica online. Retrieved 28 January 2019
  7. Windhoek Sheet 33, Edition 4, TPC, 1969, Series 2201, U.S. Army Map Service
  8. Breyer, J. I. E. (1983) "Soils in the Lower Boteti Region, Central District, Botswana" National Institute for Development Research and Documentation, University of Botswana, Gaborone, page 32, OCLC 12600164
  9. Scudder, T. (1993) The IUCN review of the Southern Okavango Integrated Water Development Project International Union for Conservation of Nature and Natural Resources (IUCN), Gland, Switzerland, page 90, ISBN 2-8317-0114-7

Tempolete:Coord missing