Noka ya Molopo
Noka ya Molopo ke nngwe ya dinoka tse ditona mo borwa jwa Aforika. Noka e e boleele jwa dikilometara dile makgolo a robabongwe le masome a marataro(960km) mme e bophara jwa dikilometara dile dikete tse tharo, masome a marataro le bosupa, makgolo a mabedi le motso ( 367,201 km) go menagane gabedi. Mafatshe a Botswana, Namibia le Aforika borwa a kopanetse motswedi o, ba kgaogana boraro mo boneng mongwe le mongwe.
Motswedi
[fetola | Fetola Motswedi]Molopo Nossob letsogo la yone le boleele jwa dikhilomethara tse di masome a matlhano mo borwa jwa Twee Rivieren, mo selekanyong sa makgolo a borobabobedi le masome a borobabongwe fa godimonyana.
Bodiphatsa jwa Noka ya Molopo
[fetola | Fetola Motswedi]Banni ba metse e e gaufi le noka ya Molopo mo Kgalagadi ba kopiwa go ela tlhoko bana ba bone ka noka eo e elela e bile e setse e kgabaganya motse wa Bray.Mogolwane wa mapodisi a Tsabong, Rre Chabaesele Mazebedi o boletse mo potsolosong fa noka ya Molopo e elela go tswa kwa botlhaba e ya bophirima, mo e setseng e tshelegela mo Kgalagadi. O rile metsi ga a itsege, ga se naga, ka jalo o gakolola batsadi ba metse e e gaufi le noka eo go tlhokomela bana, ba ba kgaphele kgakala ka jaana go tsamaya ga metsi ao go le borai mo go ka bakang dikotsi.
Rre Mazebedi o gakolotse le bone badirisi ba dikgoro tsa molelwane mo kgaolong e go tsibogela seemo seo pele ga ba ka kgabaganya, a bolela fa kwa dipolasing tsa Banyana tereta e e ka kwa Afrika Borwa e e tsamayang e bapile le e e kgaoganyang molelwane e sa bonale sentle e le metsi, selo se se sa tlwaelesegang mo Kgalagadi. Mogolwane go tswa mo lephateng la dipasa le mesepele kwa Makopong, Rre Joseph Rantung o kopile badirisi ba kgoro ya molelwane kwa Bray go dirisa ya Makopong, ka a re eo e tswetswe ka one mabaka a noka ya Molopo e e elelang. Rre Rantung a re e le badiri kwa diofising tsa molelwane ba tlaa baya seemo sa metsi ao leitlho thata, mo ba tlaa nnang ba ntse ba afa badirisi ba kgoro ya molelwane dikgakololo.