Oodi

Go tswa ko Wikipedia
Oodi
Country Botswana
DistrictKgatleng District
Palo batho
 (2001)
 • Total3,440

Oodi kgotsa Odi ke motsana yo o mo kgaolong ya Kgatleng ya Botswana. O dikhilomethara tse di masome a mabedi mo bokone-botlhaba jwa toropokgolo Gaborone. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le 3,139.

Ditso tsa banni ba Odi[fetola | Fetola Motswedi]

Bakwena ba simolotse ka dingwaga tsa bo 1500 go ya ka bakwadi ba hesitori. Ba simolotse ba tswa mo Bahurutsheng morago ga ntwa ya bana ba ga Kgosi Malope e bong Mohurutshe morwadia Malope wa ntlha wa ntlo e tona le Kwena Morwa Malope wa ntlha wa ntlo ya bobedi. Ntwa e ene e le gore a bogosi botsewe ke ngwana wa ntlha wa ntlo e tona le fa e le mosetsana gongwe botsewe ke ngwana wa ntlha wa mosimane mo ntlong ya bobedi yo e neng e le Kwena. Ntwa e ne ya simolola magareng ga balatedi ba ga Mohurutshe le ba ga Kwena ke mo kgaogano e simolotseng teng fa ba ba neng ba sa la Kwena morago ba bidiwa baKwena. Morago ga losika lwa botlhano go ya ko go la bosupa Bakwena ba sena go kgaogana le Bahurutshe fa Mogopa e sa ntse e le kgosi, go ne ga nna lešekere le le golo. Go ne ga nna tlala e e boitshegang ka ngwaga tsa bo 1700 e e neng ya dira kgaogano e tona mo morafeng wa Bakwena. Bakwena ba ga Modibedi, Mogorosi, Bahlakwana, Bamonaheng, BaMokotedi le ba Makhoakhoa, ba ne ba tsamaela ntlheng ya borwa jwa noka ya Lekwa go ya Foreisetata, fa ba bangwe ba ne ba nna kwa Ntsuanatsatsi go bapa le Bafokeng.

Bakwena ba ba tsamaetseng ntlheng ya Borwa go feta Noka ya Lekwa ba ne ba ikopanya ba dira Bogosi jwa Lesotho. Bangwe ba Magosi a Bakwena jaaka baMoletse, baPhogole, le baPhalane ba ne ba tsamaela ntlheng ya botlhaba mme ba nna le bogosi jo bo itlhaotseng.

Kgosi Mogopa le Bakwena ba ba neng ba setse jaaka Bakwena ba Modimosana ba ne ba dira morafe wa Bakwena ba Botswana. Ba ne ba ya Mabjanamatshwana go bapa le Noka ya Odi mo ba neng ba aga motse wa Rathateng fa nokeng ya Madikwe e kopannang teng le ya Odi. Mogopa-Kwena o ne a boela kwa Mabjanamatshwana mo motseng wa Brits wa teransefala, mme morwarragwe Kgabo (2) o ne a seka a mosala morago e na a sala kwa Rathateng morago a Kgabaganya noka ya Madikwe le balatedi ba gagwe go ya Botswana. Bakwena ba ga Kgabo ba ne ba nna kwa Dithejwaneng mo bophirima jwa Molepolole wa Botswana. Kgosi Kgabo o ne a salwa morago ke Motshodi ngwana wa gagwe wa mosimane, le fa go sa itlhalose gore ke mang tota yo o ne a eteletse Kgabo-kwena pele fa ba ya Botswana bangwe bare ke Kgabo fa ba bangwe ba re ke Motshodi. Bakwena ba ne ba kgaogana gape kwa Molepolole, ya nna ba ga Ngwaketse ba ba itsegeng ka BaNgwaketse, le ba ga Ngwato ba ba itsegeng BaNgwato.

Ngwao e ka godisa bojanala jwa kwa Manyana[fetola | Fetola Motswedi]

Kgosi Kebinatshwene Mosielele wa motse wa Manyana, a re ngwao e amana thata le bojanala.Kgosi Mosielele o ne a bua jalo mo puisanong le babegadikgang gore moopelo, kapari le dijo tsa Setswana di ka dirisiwa go godisa bojanala, ke ka moo bajanala le babeeletsi ba ratang motse wa Manyana.Kgosi o ne a re batho ba motse wa gagwe ba tshwanetse go bababela ditsangwao le ditsatlholego tsa kgaolo ya bone jaaka mekwalo le metako e e mo matlapeng kwa Manyana, tse di mo mantsweng a Dimawe, fa gare ga metse ya Manyana le Mmankgodi gammogo le setlhare sa ga David Livingstone.Le fa go ntse jalo, Kgosi Mosielele o ne a supa gore ga go na go nna motlhofo go fetolela megopolo ya batho ba motse wa gagwe kwa go tlhokomeleng le go bapatsa bojanala jo bo mo motseng wa bone.A re o setse a bone lefelo kwa Ramoshaga, kwa go tlaa agiwang lefelo la ngwao teng.Kgosi Mosielele o ne a tlhalosa gore maikaelelo a gagwe ke go tsweledisa maikaelelo a ga rraagwe, yo o duleng mo tirong ka ntlha ya bogodi jaaka go tsosolosa mmino le ditsamaiso dingwe tsa Sehurutshe jaaka dikgafela.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Gaborone Botswana Odi

Dipadi tse dingwe.[fetola | Fetola Motswedi]


Tempolete:Kgatleng District Coordinates: 24°34′23″S 26°2′2″E / 24.57306°S 26.03389°E / -24.57306; 26.03389