Jump to content

Pabi Cooper

Go tswa ko Wikipedia
Pabi Cooper
Tsalo
Paballo Basetsana Mothapo

(2001-04-04) 4 April 2001 (age 23)
Pretoria , South Africa
Ke moSouth African
TiroAmapiano Artist
Dingwaga tsa a le mo tirong2019 - Active
O itsegi kaAmapiano Singer
BanaNone

Paballo Basetsana Mothapo o itsegeng e le Pabi Cooper o tshotswe ka 4 Moranang 2001 kwa Pretoria, ke seopedi mo Aforika Borwa sa Amapiano.

O simolotse go tuma le go itsege morago ga go ntsha pina ya gagwe e bong "Banyana Ke Bafana'' eo e phatlhaletseng le go modira a itsege mme morago ga foo ontshitse tse dingwe dipina ke ka moo a itsegeng Aforika Borwa ka bophara. O opela le go ntsha mmino le bangwe ba baopedi ba Amapiano ba ba itsegeng jaaka Dj Tshegu, Focalistic, Zee Xumalo[1] le bangwe.[2]

Ka ga Thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

O tsene le go fetsa dithuto tsa gagwe tsa sekolo se se potlana le se se golwane kwa Soshanguve, Aforika Borwa.

Tsa Botshelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Go tloga ngwaga wa 2023 Pabi le Focalistic go lebega ekatswa e se ditsala fela ba le sengwe go ya ka moo ba bontshang batho mo go inthanete.[3] Pabi ka ngwaga wa 2024 o tlhakanetse tsa kgwebo le setlamo sa Redbat ka tiro ya diaparo tse di rekiwa ke mongwe le mongwe ko marekolong a bone.[4]

  1. Zee Nxumalo celebrates first ever plaque as a lead artist as Pabi Cooper collab goes viral (gq.co.za)
  2. K.O, Pabi Cooper and Blxckie among the nominees at the inaugural Trace Awards (msn.com)
  3. PHOTOS: Pabi Cooper and Focalistic spark dating rumours again (msn.com)
  4. Pabi Cooper Unveils Exclusive Merch Line in Collaboration with Redbat - OkMzansi