Jump to content

Focalistic

Go tswa ko Wikipedia
Focalistic
Focalistic during a 2020 interview
Tsalo
Lethabo Sebetso

(1996-05-26) 26 May 1996 (age 29)
Ga-Rankuwa, Pretoria, Gauteng, South Africa
Maina amangwePitori Maradona, President ya Straata
Alma materUniversity of Pretoria (political science)
TiroMoopedi
TsalaDBN Gogo (2022–present)
Tiro ya boopedi
MefotaAmapiano, hip hop
DidirisiwaVocals
Dingwaga tsa a le mo boopeding2016–present
Labels18 Area Holdings

Lethabo Sebetso (o tshotswe ka 26 Motsheganong 1996), yo o itsegeng thata ka leina la gagwe la bodiragatsi la Focalistic, ke moopedi wa Aforika Borwa wa mmino wa rap. O ne a tuma morago ga gore pina ya gagwe ya Ke Star e fitlhelele maemo a 16 mo palelong ya Top Thriller Global Charts ya ba Billboard.[1][2] O tsholetswe kwa Pretoria (kwa gape a goletseng teng), e le motshameki wa kgwele ya dinao pele fa a ka simolola boopedi jwa gagwe jwa mmino wa rap, mme a golola alebamo ya gagwe ya ntlha ya setudio, Sgubhu Ses Excellent (2020).

Focalistic o tshotswe mo Zone 2, Ga-Rankuwa, Pretoria.[3] Rraagwe, Kgomotso Sebetso, o kile a bo a direla South African Broadcasting Corporation (SABC), e le mmegi wa dikgang tsa sepolotiki. Focalistic ke sealogane sa Yunibesithi ya Pretoria, kwa gone a ithutetseng dikeree ya saense ya sepolotiki. Ka 2016, o ne a fenya kgaisano ya Artist on the Rise. Pina ya gagwe ya Fak'Mali e ne ya re e gololwa, ya bo e le yone e gatang setlhoa (maemo a ntlha) mo palelong ya mmino wa Hip Hop ya ba YFM. Mo makukung a ngwaga wa 2020, o ne a simolodisa ntlo ya direkoto ya gagwe, Area Holdings, a golagane le ba The Vth Season.[4][5] Ka 10 Mopitlo 2010, thulaganyo ya gagwe ya Quarantined Tarantino e ne ya gololwa.[6] Ka Mopitlo wa 2020, pina ya gagwe ya Ke Star, e mo go yone a engweng nokeng ke Vigro Deep, e ne ya gololwa. Ke Star e ne ya atswiwa ka tota ya rurifatso ya thekiso ya gouta, go lemogwa go bo e fitlheletse dithekiso tse 25,0000.[7]

Mo Ngwanatsele wa 2020, o ne a tsenelela lenaneo la RADAR African la Spotify.[8] Focaistic o ne a bipolola a bo a bua phatlatsa ka kgatiso ya alebamo ya gagwe ya Sghubu Ses Excellent, e a neng a supile fa e tlaa gololwa ka 25 Ngwanatsele 2020, le fa gone e ne ya gololwa moragonyana, ka 4 Sedimonthole 2020.[9]

Mo Tlhabole wa 2021, tswkanyo ya pina ya gagwe ya Ke Star, e a neng a e thusiwa ke Davido le Vigro Deep, e ne ya gololwa lefatshe ka bophara.[10] Pina ya e nnile ka katlego kwa mafatsheng, ya bo ya fitlhelela maemo a 16 mo palelong ya Top Thriller Global Charts ya ba Billboard kwa Amerika.[11] Ko kabong-dimpho ya mmino ya All Africa Music Awards, o atswilwe ka dikakanyetso-tlhopho tse supa, mo malhakoreng a Best male artiste, Artiste of the Year, Best African collaborations, Best Artiste African dance, Best Artiste in African Electro, Break out artiste of the year, Song of the Year.[12]

Mo makukung a Lwetse wa 2021, o ne a etlela-pele mosepele wa AmaFest mo U.K., go thusa kgolo ya mmino wa AmaPiano.[13] Ka 27 Lwetse, thulaganyo ya gagwe ya setudio ya President Ya Strata, e ne ya gololwa, e na le pina ya ketapele ya 16 Days No Sleep, e na le matlhasedi a bo Kabza De Small, DJ Maphorisa, le Mellow & Sleazy.[14] Focalistic o ne a fiwa tlhopho-kakanyetso ya Best African Act kwa MTV Europe Music Awards mo 2021.[15][16]

  1. Mokwena, Tebogo. "FOCALISTIC SETS HIS SIGHTS ON STARDOM". Daily SUN. Retrieved 9 January 2018.
  2. Ngenyane, Andiswa. "FOCALISTIC'S KE STAR REMIX MAKES WAVES IN USA!". Daily Sun (South Africa). Retrieved 10 April 2023.
  3. Kumona, Molife (7 January 2022). "The only Focalistic interview worth reading right now". GQ. Retrieved 25 March 2022.
  4. Ntsinde, Mandisa (9 December 2020). "Opinion: Here How Focalistic Has Managed To Completely Own 2020". zkhiphani. Retrieved 11 November 2021.
  5. Mazaza, Shiba Melissa (20 December 2020). "Focalistic's 20/20 vision for Africa | Citypress". Citypress. Retrieved 11 November 2021.
  6. Jabulani, John. "Focalistic drops New "Quarantined Tarantino" EP". Ubetoo. Retrieved 10 April 2020.
  7. Israel A, John. "Focalistic's "Ke Star" Song With DJ Maphorisa and Kabza De Small has Gone Gold". Ubetoo. Retrieved 19 August 2020.
  8. "Spotify announces Focalistic as its latest RADAR Africa Artist | YoMzansi. Documenting THE CULTURE". YoMzansi. 26 November 2020. Retrieved 11 May 2022.
  9. "FOCALISTIC announces new album 'Sghubu Ses Excellent' | YoMzansi | Documenting THE CULTURE". 25 November 2020.
  10. Shabangu, Nobantu. "Focalistic Drops 'Ke Star' Remix Featuring Davido – OkayAfrica". OkayAfrica. Retrieved 19 February 2021.
  11. Nkosi, Jabulani. "Focalistic's "Ke Star" Remix Becomes 1st SA Song To Reach Global Billboard Triller Chart". Ubetoo. Retrieved 3 March 2021.
  12. M, Recky. "Focalistic bags 7 AFRIMA nominations | Celebs Now". Celebs Now. Archived from the original on 21 October 2021. Retrieved 12 October 2021.
  13. "WATCH: DBN Gogo, Kamo Mphela, Focalistic and Mr JazziQ bring amapiano to the UK". Independent Online. Retrieved 13 September 2021.
  14. "Focalistic has released his new EP, President Ya Straata, which was released with the lead single, 16 Days No Sleep, featuring Kabza De Small, DJ Maphorisa and Mellow & Sleazy". JustNje. Retrieved 27 September 2021.
  15. Tjiya, Emmanuel. "Focalistic's star rises as he gets nominated for MTV EMA". Sowetan LIVE. Retrieved 20 October 2021.
  16. Tjiya, Emmanuel (15 December 2021). "The year of superstar Focalistic". SowetanLIVE. Retrieved 25 March 2022.