Pula
Pula kgotsa pula ya matlakadibe ke mofuta wa pula ya lefaufau e e bopilweng ka marothodi a di-aerosol tsa metsi tse di fufaletsweng go tswa mo moweng wa metsi mo lefaufaung mme di wa ka maatlakgogedi. Go ya ka ka bogale, pula e ka tlhalosiwa jaaka phoka (pula e e bofefo thata, e e nang ka sewelo), shawara (pula e khutshwane, e e magareng), go thunya ga maru (pula e e boketekete e e khutshwane) kgotsa pula e e nang ka matla (pula e e bokete kgotsa ya "e e nang ka matla " ka nako e telele). Gantsi e tla le diponagalo tse dingwe tsed di farologaneng tsa maemo a bosa jaaka phefo e e maatla (pula ya matlakadibe) le dikgadima (setsuatsue sa matlakadibe), mme gongwe e ka tlhakana le sefako, kapoko (serame) le setsuatsue sa motlhaba (pula ya lerole). Pula ke karolo e kgolo ya modikologo wa metsi mme ke yone e e rwalang maikarabelo a go baya bontsi jwa metsi a a phepa mo Lefatsheng. E tlamela ka metsi a dipolante tsa motlakase wa metsi, nosetso ya dijalo, le maemo a a siametseng mefuta e le mentsi ya ditshedi .