Ratsei Setlhako
Ponalo
Ratsei Setlhako | |
|---|---|
| Leina la Matsalo | Ratsei Setlhako |
| Tsalo | Mokgware, Botswana. |
| Letso | Motswana |
| Leso | 1976(ka kotsi ya koloi) |
| Mefota | Moopelo wa Setswana |
| Ditiro | Moopedi |
| Didirisiwa | Segaba |
| Dingwaga tsa a le mo boopeding | 1890–1976 |
Ratsei Setlhako (o tshotswe ka 1890) o itseng gape ka leina la Mophato e ne e le moopedi wa lefatshe la Botswana. O itsege thata ka pina ya gagwe ya a re chencheng.[1]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Ratsei Setlhako o tshotswe ka ngwaga wa 1890 kwa motseng wa Mokgware ka nako e ne tsie e le ntsi thata ko lefatsheng la Botswana ka jalo a bitswa Ratsie. O goletse ko Phalapye, Selebi phikwe le Mahalapye kwa a tsereng nako ya gagwe e ntsi thata teng. O godile e le modisa mme a ithuta go tshameka segaba.
Leso
[fetola | Fetola Motswedi]Ratsei Setlhako o thokafetse ka kotsi ya koloi ka ngwaga wa 1976 ko Phalapye kwa a ileng a fithwa teng.[2]