Sasa Klaas

Go tswa ko Wikipedia
Sasa Klaas
Leina la MatsaloSarona Motlhagodi
Tsalo(1993-05-17)17 Motsheganong 1993
LetsoGaborone, Botswana
Leso5 Mopitlwe 2021(2021-03-05) (aged 27)
Xumabee Game Ranch, Botswana
Mefota
Ditiro
  • Singer
  • Writer
  • Artist
DidirisiwaVocals
Dingwaga tsa a le mo boopeding2010–2021

Sarona Motlhagodi (O tshotswe ka kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi a le lesome le bosupa ka ngwaga wa 1993 mme a tlhokafala ka ngwaga wa 2021 ka kgwedi ya Mopitlo e tlhola malatsi a le matlhano) e ne e le moopedi wa Botswana. O tshotswe le kgaitsadie ba le babedi fela, e le bana ba ga mmè Anna Mokgethi yo e leng lepolotiki la Botswana e bile e le leloko la setlamo sa Botswana Democratic Party kana Domkrag jaaka e itsege thata. [1]

Tiro ya gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Moopedi yo, yo o neng a tumile thata ka leina la Sasa Klaas kana Mma Mongwato e ne e moopedi wa mmino wa rap e bile e le mokwadi wa dipina..[2][3][4] E ne e le moopedi yo o itsegeng thata ka tiro ya gagwe e ntle mo mererong ya mmino wa hip-hop. Tiro ya ga Sasa Klaas ya mmino le moopelo e simolotse ka A Ke Mo Khande a dirisana mmogo le Thato 'Scar' Matlhabaphiri. E rile mo nakong e khutshwane fela morago ga moo, o ne a nna mogasi wa thulaganyo ya The Foundation: Next Level go tloga ka 2011 go fitlha ka ngwaga 2012 mo e.tv Botswana.[5] Pina ya gagwe ya ntlha a le nosi, Hadsan, e ne ya gatisiwa ya ba ya gololwa.[6][7]

Dingwe tsa dipina tsa ga Sasa Klaas[fetola | Fetola Motswedi]

  • Mma Mongwato
  • H.A.D.S.A.N
  • Playing with Myself
  • You
  • The Best Things
  • Vapors
  • Bafaba ba style
  • Mosoroto

Loso[fetola | Fetola Motswedi]

O tlhokafetse ka 5 Mopitlo 2021 mo maitseboeng. Sasa o ne a na le dingwaga di le masome a mabedi le bosupa fa a tlhokafala mo kotsing yasefofane sa tlhootomo sa R44 kwa Xumabee Game Ranch (gaufi le Sojwe).[8][9]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. https://news.thevoicebw.com/sasas-slip-of-the-tongue/
  2. "Sasa Klaas and Baxon Alleged Romance Already Over?". Botswana Youth Magazine. 2020-07-10. Retrieved 26 Phalane 2022.
  3. "10 Things You Did Not Know About Sasa Klaas". Botswana Youth Magazine. 2017-03-09. Retrieved 26 Phalane 2022.
  4. Newstral.com (2019-06-07). "thevoicebw.com: "Sasa's slip of the tongue"". Newstral. Retrieved 26 Phalane 2022.
  5. NCUBE, DUMISANI. "Mmegi Online :: Beating the odds with curves". Mmegi Online. Retrieved 26 Phalane 2022.
  6. NCUBE, DUMISANI. "Mmegi Online :: Sasa Klaas, Kinetic 9 in the studio". Mmegi Online. Retrieved 26 Phalane 2022.
  7. NCUBE, DUMISANI. "Mmegi Online :: Sasa Klaas matures musically". Mmegi Online. Retrieved 26 Phalane 2022.
  8. "The World Mourns Sasa Klaas". ZAlebs. Archived from the original on 2021-03-07. Retrieved 26 Phalane 2022.
  9. Carter, Logan (2021-03-07). "Botswana Government In Sasa Klaas Cause Of Death Cover Up". South Africa Rich And Famous. Retrieved 26 Phalane 2022.