Sedirisiwa ebong Makoro

Go tswa ko Wikipedia
Makoro a mabedi a logong

Makoro (yo o ka bitswang gotwe mekoro , mokoro ) ke mokoro yo o dirisiwang thata kwa makgobokgobong a Okavango , mo Botswana. O tsamaisiwa ka legong le le leele ke motho a eme ka dinao , ka fa a ntse a o kgorometsa.

Makoro a diriwa ka go gajwa thutwa ya setlhare se se tona se se tlhamaletseng , jaaka logong lo lontsho kgotsa logong la setlhare sa Kigelia. Makoro a a tlhabolotsweng gompieno, gantsi a dirilwe ka ditlhale tse di itiretsweng tse di thata. Makoro a tlwaelesegile thata ka a dirisiwa ke bajanala fa ba batla go bana makgobokgobo , mo gantsi seo se leng kwa mafelong a diphologolo, mme makoro a a kgona go dirisediwa go tlodisa batho makgobokgobo kgotsa fa ba tsama mo go one. Mekoro e e tshabelellwa thata ke go tsenelelwa ke kubu, tse di ka o menolang motlhofo. Dikubu di tlhalosiwa fa di sa tswa go simolola mokgwa o morago ga tiriso ya makoro gape le makoro e mengwe ka nako ya fa go tsomiwa.

Tiriso ya Makoro kwa metsaneng ya bokone-bophirima[fetola | Fetola Motswedi]

Banni ba motse wa Jao Flats mo kgaolong ya Okavango ba eme sejaro go bogela ditso di diragala mo matshelong a bone jaaka go kgonagetse ka tiriso ya ditlhaeletsano mo motsaneng wa bone ga mmogo le makoro e e tla abiwang go thusa banni go kgabaganya noka.E ne ya re mo potsolotsong, boeteledipele jwa motsana oo jo bo neng bo lebega bo tletse ka boitumelo jwa leboga dikoporasi tsa mafaratlhatlha ka di arabile selelo sa bone se se sa bolong go ba kokonela.Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Gaboipeelwe Manja, a re ka ntlha ya phatlalatso ya ditlhaeletsano bogolo jang tsa beMobile jaanong ba na le sebaka sa go tlhaeletsana ka tshosologo le ba masika, ditsala le setshaba ka kakaretso ka e tshwara gongwe le gongwe go na le tse dingwe.

Banni ba tlhokana le dipalamo[fetola | Fetola Motswedi]

Rre Manja a re o solofela fa ngwaga eno e le o o monamagadi kwa motsaneng wa bone ka gore puso e sa tswa go araba selelo sa bone sa letlhoko la dipalamo ka go ba rekela mokoro o o tlaa ba thusang go golaganya motsana wa bone le metse e e mabapi e tshwana le Seronga le Etsha.Le fa go ntse jalo, modulasetilo a re ga ba itumedisiwe ke go bo badirelapuso ba sa tle kwa go bone mo e bileng jaanong go ba rontshang go inaakanya le mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone.Rre Manja a re ka lebaka leo, mangwe a mananeo a siiwa ke nako ba ise ba a akole ka gope ka ba beilwe ka fa mosing ke ditlhaeletsano.A re badirelapuso ba ipata ka gore motse wa Jao o mo makgobokgobong mme ka jalo ba tshaba metsi kgotsa go dirisa mokoro, a re jaanong o ipotsa gore seemo seo se tla a tswelela go fitlhela leng ka gore Jao ke lone legae la bone.O file sekai ka lephata la banana le ngwao a re ba le utlwalela fela ka ba se ke ba etela motsana wa bone go imolola banana mo lehumeng jaaka go diragala ka banana ba metse e mengwe.Kgosana ya motsana oo, Johanne Xhokwe o kopile babegadikgang go etela motsana wa bone go gasa ditiragalo tsa motse wa bone jaaka e le bone bagokaganyi ba puso le setshaba.

Botsamao bo kgoreletsa ditirelo[fetola | Fetola Motswedi]

Motse wa Jao o mo makgobokgobong a noka ya Okavango, ka jalo ga go na motsamao wa dikoloi fa e se fela go dirisa mokoro kgotsa sefofane mme go belaesega gore badirela puso ba tshaba go etela teng.Mo go tse dingwe, modulasetilo o ngongoregile gore ka ntlha ya go tlhoka marekisetso kwa motsaneng wa bone mme banni ba koo ba tshabelelwa ke lehuma ka ba sa kgone go rekisa tse ba nang natso jaaka ditlatlana le ditlhapi go itshetsa ka tsone.O ngongoregetse gape go bo puso e diegela go tlhomamisa motse wa bone o a rileng o sale o nnile teng ka ngwaga wa 1931 mme nakokgolo ke eno ntswa metse e e runyang morago ga one jaaka Seronga e setse e tlhomamisitswe.A re ka ntlha ya seo, motsana wa bone ga o tlhabologe mo jaanong banni ba Jao ba fudugetseng kwa metseng e sele jaaka Seronga, Etsha le e mengwe go ya go tsenya bana ba bone dikole go latela bongaka le tse dingwe.Le fa go ntse jalo, o lebogetse puso go bo e kgonne go ba agela kokelwana mo motsaneng wa bone ntswa ba se na mooki fa e se go thusiwa ke mooki wa Seronga le yo o ba etelang gangwe fela mo kgweding a re seo se ba baya ka fa mosing bogolo jang mo malwetseng a tshoganetso.A re mo nakong eno fa go na le molwetse yo o pitlaganeng ba mo rwala ka mokoro go mo isa kwa Seronga, sekgele sa dioura di ka nna tharo kgotsa go feta ba ntse ba le mo metsing.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana Okavango Gumare

O ka tsibogela[fetola | Fetola Motswedi]

  • Dugout (boat)


Tempolete:Ship-type-stub