Thamaga
Thamaga | |
|---|---|
Kgaolo | Kweneng |
Setshaba | 25,297 (2022)[1] |
Thamaga ke nngwe ya metse mogolo ya Botswana. Ke motse o bonwang mo kgaolong ya Kweneng. Motse o o supelwa ko botlhabatsatsi fa o le mo topropo kgolo Gaborone. Ke legae la banni ba le 19,547 ka palobatho ya 2011.[2]E ntse e nna ngwaga le ngwaga jaaka karolo ya metsesetoropo ya kgobokano ya Gaborone.
Motse o o di kagantswe ke mantswe, le le tona le bidiwa lentswe la Thamaga. Thamaga ke motse mogolo wa bobedi mo kgaolong ya Molepolole le Mogoditshane Bontsi ba batho ba motse o ke Bakgatla ba ga mmanaana, ebile ba bina kgabo.Leina Mmanaana le tswa mo kgomong ya mmala wa tan/bosweu (go tshwaya ga Mmanaana). Dipatlisiso tse dintsi tsa boepi jwa bogologolo di dirilwe mo tikologong mo dingwageng di le masome a mabedi tse di fetileng, mme dipatlisiso tsa ga jaana di dirwa ke setlhopha go tswa kwa Yunibesithing ya California-Berkeley le kwa Yunibesithing ya Botswana.
Bakgatla-ba-ga-Mmanaana ba ne ba nna koo mo bogareng jwa dingwaga tsa bo 1930 mme ke setlhopha se se kgaoganeng le batho ba ba tshwanang le Bakgatla-ba-ga-Mmanaana kwa Moshupa, dikilometara di le lesome le bosupa fela go ya kwa borwabophirima.[3]

Bontsi jwa dikgato tsa motse wa bogologolo tse banna ba merafe ba neng ba nna mo go tsone go tswa kwa Moshupa di ne di tshegeditse maina a a tshwanang le dikgato tse di kwa Thamaga. Batho ba diwoto dife kapa dife fela tsa metse e mebedi e,ba sikana mme ebile ba dirisa difane tse di tshwanang. Le dikgosi tsa metse e mebedi e, ke tsa madi a le mangwe mme di dirisa maina a a tlwaelegileng a Mosielele le Gobuamang.
Lefelo leno pele le ne le agilwe ke ditlhopha tse di farologaneng kgotsa "Bakgalagadi" (go goroga ga pele ga balemibarui le badisa ba ba buang Sebantu) le batsomi-baphuthi bagologolwane ba \he batho ba gompieno ba bidiwang San, Bushmen, le Basarwa. Hisitori ya batho bano mo kgaolong ya Thamaga, e e ikaegileng ka go tlhoma matlha ka radiokhabone, e latedisitswe bonnye dingwaga di le 5000.
Puso le Mafaratlhatlha
[fetola | Fetola Motswedi]- Bogare jwa ditirelo- ya go tlamela ka ditirelo tsa puso.
- Go na le dikokelwana di le tharo tsa puso le kokelo e le nngwe ya motheo.
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Go na le dikolo tse dipotlana tsa puso di le supa:
- Sekolo sa Segopotso sa Gobuamang
- Sekolo sa Segopotso sa Monare
- Sekolo se se potlana sa Rungwana
- Sekolo se se potlana sa Bophirima
- Sekolo se se potlana sa Magalatladi
- Sekolo se se potlana sa Nkoane
- Sekolo se se potlana sa Kontle
Dikolo tse tharo tsa sekontari:
- Sekolo se segolwane sa Thamaga
- Sekolo se segolwane sa Letlole Mosielele
- Sekolo se segolwane sa Sekgele
Go na le sekolo se le sengwe sa poraemari
- Highridge, le sekolo se le sengwe se segolwane sa poraefete
- Sekolo se segolwane sa Highridge.
Go na le dikolopotlana tse dintsi tsa poraefete le mafelo a tlhokomelo ya bana motshegare.
Tshupaditshwantsho
[fetola | Fetola Motswedi]
Bona gape
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Population and Housing Census 2022:Population of Cities, Town and Villages" (PDF). Statistics Botswana. 2022.
- ↑ population of thamaga village botswana - Google Search". www.google.com. Retrieved 2021-05-18
- ↑ The Bakgatla ba ga Mmanaana split 1934-1936: the impact of British sub-imperial rule in Botswana". catalog.ihsn.org. Retrieved 2021-05-18.