Theo Baloyi

Go tswa ko Wikipedia

Theo Baloyi ke mogwebi gotswa Afrika Borwa, mme ebile ke mosimolodi le mookamedi wa ditlhako tsa Bathu.[1] O simolotse letshwao la ditlhako tsa gagwe ka ngwaga wa 2015, morago ga go direla kwa komponing ya PwC kwa Dubai ele motlhakanedi yo mogolo.[2][3] O ne a tlhagelela mo lenaaneng la Forbes ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le masome a mararo ka ngwaga wa 2019.[4][5]E rile ka ngwaga wa 2021, o ne a fenya go nna moeteledipele wa kgwebo ya GQ , go fitlhela ngwaga o hela. [6][7]

Tshimologo ya Botshelo[fetola | Fetola Motswedi]

Baloyi o tsholetswe le go godisetswa kwa Hammanskraal, mo Gauteng, kwa a ne a golela teng.[8] Rraagwe, eleng Solly Baloyi, o ne a tlogela tiro ya gagwe ya booki go nna morekisi wa dithoto mme a tlhokafala ka ngwaga wa 2014, mmagwe ke ene Tshidi Baloyi, o na le kgaitsadie yo o bidiwang Goitsimang Baloyi.[9] Baloyi o ne a tsena sekolo se se potlana sa Shalom , morago ga moo o ne a kwadisiwa kwa sekolong se segolwane. E rile ka ngwaga wa 2018, Baloyi a fudugela kwa Johannesburg mme a ithutela BCom Accounting kwa Yunibesithing ya Afrika Borwa.[10]

Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Pele a tlogela Yunibesithi ya Aforika Borwa, Baloyi o ne a simolola loeto lwa gagwe lwa go nna rakgwebo ka go rekisa dinkgisamonate ka ntlo le ntlo.[11][12]Baloyi o ne a tlhophiwa go direla PwC mo Aforika Borwa ka fa tlase ga lenaneo la bona la go aloga mme a dira go feta ka moo a neng a ka kgona ka teng mme komponi ya mo thapa ka nako e e tletseng mme a romelwa kwa PwC Middle East kwa Dubai.[13]

E rile ka ngwaga wa 2015 Baloyi o ne a tlhoma komponi ya ditlhako ya Bathu. Komponi e ,e na le mabentlele a a fetang masome a mararo mo Aforika Borwa le mo kgaolong ya SADC.[14][15]O ne a tlhophiwa go nna leloko la boto ya South African Council of Shopping Centres (SACSC) ka kgwedi Phukwi mo ngwageng wa 2022.[16]

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Baloyi o nna kwa Eye of Africa, Johannesburg.[17]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. https://www.sowetanlive.co.za/s-mag/2020-11-25-5-minutes-with-bathu-founder-theo-baloyi/. SowetanLIVE. Retrieved 30 March 2022.
  2. https://mg.co.za/news/2021-12-11-qa-sessions-i-am-a-product-of-opportunities-theo-baloyi/. The Mail & Guardian. 11 December 2021. Retrieved 30 March 2022.
  3. Theo Baloyi on Twitter: I worked at PwC for 5 years". Twitter. Retrieved 30 March 2022.
  4. #30Under30: Business Category 2019". Forbes Africa. 1 July 2019. Retrieved 30 March 2022.
  5. Staff Reporter. "Forbes Africa announces 30 Under 30 list for 2019". www.iol.co.za. Retrieved 30 March 2022.
  6. Everything you need to know about the 2021 GQ Men of The Year Awards Winners". www.gq.co.za. Retrieved 30 March 2022.
  7. Entrepreneur Theo Baloyi Wins GQ Business Leader Of The Year Award At The Men Of The Year Awards 2021". StartUp Magazine South Africa. 29 November 2021. Retrieved 30 March 2022.
  8. Tau, Poloko. "Bathu's footprint among Africa's top 10 most admired brands". Citypress. Retrieved 30 March 2022.
  9. Ngwadla, Nkosazana. "Entrepreneur Theo Baloyi on making over R18m selling sneakers". Drum. Retrieved 30 March 2022.
  10. Put your best foot forward with Bathu". SowetanLIVE. Retrieved 30 March 2022.
  11. ADVERTORIAL. "Celebrating the Success that is the GOMORA founded Sneaker, iBathu". News24. Retrieved 30 March 2022.
  12. ENTREPRENEUR: Theo Baloyi, founder of Bathu Shoes". BusinessLIVE. Retrieved 30 March 2022.
  13. Tsakane Ndlovu (1 April 2021). "Walking His Journey". Archived from the original on 13 May 2023. Retrieved 13 May 2023 – via PressReader.
  14. Stores". Bathu. Retrieved 30 March 2022.
  15. Buthelezi, Londiwe. "30 stores without funding: How Bathu Shoes soared and opened 24 branches during a pandemic". Fin24. Retrieved 30 March 2022.
  16. Staff Writer (16 July 2022). "Bathu CEO, Theo Baloyi, appointed board member of SACSC - Azhizhi". Azhizhi. Retrieved 18 July 2022.
  17. Bathu's founder Theo Baloyi's privilege hour with Kgalema Motlanthe!". Mgosi. 16 March 2020. Retrieved 30 March 2022.