Tsaone Sebele
Tsaone Bakani Sebele (o tshotswe ka di 27 tsa kgwedi ya Phalane 1993) ke motabogi wa lefatshe la Botswana itebagantseng le mabelo sekgala se se makgolo mabedi a di mithara le sekgala se se lekgolo sa di mithara.
Mo mabelong a sekgala se lekgolo sa di mithara o feditse mo maemong a boferabobedi kwa metshamekong ya ngwaga wa 2015 African Games[1]fa a feditse ka maemo a bosupa ko makgaola-kgang a 2018 African Championships. O ne gape a fithela ko karolong ya bobedi ko di kgaisang tsa 2017 Summer Universiade Ka ngwaga wa 2019, o ne a emetse lefatshe la Botswana kwa dikgaisanong tsa Botswana 2019 African Games tse nneng di tshwaretswe kwa toropong ya Rabat ko lefatsheng la Morocco.O ne a gaisana kwa mabelong a bomme a sekgala se se lekgolo sa di mithara.[2]
Mo mabelong a sekgala se se makgolo mabedi a di mithara kwa a fitlheletseng ko seka-makgaola kgang wa dikgaisano tsa 2015 African Games.O ne a gaisana gape le setlhopha sa Botswana kwa dikgaisano tsa relay 2017 Universidae.
Dingwe tsa dinako tse gagwe tse a di tsereng mo mabelong ke metsotso ele lesome le bongwe le masome a marataro a se sephatlo sa motsotso, o ne a atlega gape ka ngwaga wa 2017 kwa Pretoria, kwa a gatisitseng nako ya masome mabedi le masome a supa le bofera bone ya metsotso mo sekgaleng sa makgolo mabedi a di mithara tse atlegile mo go tsone kwa Brazzaville [1]ka kgwedi ya Phalane mo ngwageng wa 2015.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Tsaone Sebele at World Athletics
- ↑ "2019 African Games – Athletics – Results Book" (PDF). Archived from the original (PDF) on 1 September 2019. Retrieved 7 September 2019