Tubu

Go tswa ko Wikipedia
Tubu
Tubu is located in Botswana
Tubu
Tubu (Botswana)
Kgaolo
Bokone Bophirima
Setshaba
392 (2001)

Tubu ke motse yo o mo kgaolong ya bokone bophirima mo Botswana, mo sekgeleng sa dikilometara di le lesome (10 km) mo botlhaba jwa motse wa Gumare. Tubu o ikaegile go bapa le makgobokgobo a Okavango, go na le sekolo se se botlana, kokelwana ga mmogo le motlakase. Batho ba ne ba le makgolo a le boraro le masome a le borobabongwe lemetso e le mebedi (392) ka palo batho ya ngwaga wa 2001. Tubu ke mokgoro wa meraka le masimo mo banning ba lefelo, ka jalo motse o itemogela koketsego ya batho ka nako ya temo.[1]

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Mo ditsong, motse wa Tubu o tlhamilwe ke bontsi jwa banni ba metse e mo gompieno e itsegeng ka Gwekachumo le Kandalangoti. Motse wa Tubu o tlholegile e le moraka yo o neng o bonwa kwa Gwekachumo. Mo dingwageng tsa 1970 di simologa, batho ba ne ba fuduga go tswa Gwekachumo go ya go nna kwa Kandalangoti, yo o gompieno a itsegeng e le Tubu. Morago ga lefelo le lemogiwa jaaka bonno, le ne la fetoga go itsege jaaka Tubu. Leina Kandalangoti le ne la fetolwa go nna Tubu. Mo bogompieno Kandalangoti ke moraka yo o sekgele se ka tswara kilometara go tswa Tubu. Tubu o dikaganyetswe ke metse e e akaretsang Samotshoka, Ngocho, Xanaga, Xara Gwekachumo, Chaa le Xowa[2]


Bontsi jwa banni ba Tumu ke ba morafe wa Bayei. Go akaretsa le bonnye jwa morafe wa Ba-Hambukushu le Batswana. Banni ba Tubu ba itshetsa ka temo thuo e e akaretsang go lema le go rua diphologolo. Mengwe ya metswedi ya itshetso ya bone e akaretsa go tshwara ditlhapi, go loga ditlatlana, go loga, tiriso ya ditsa ditlholego le tsengwe, tse di dirwang ka go etelwa. Tswii le maungo a palm ke dijo tsa konokono. Tswii e bonwa thata mo di nokeng ka bontsi tsa Botswana le lefatshe ka bophara. Kara ya ditonki, go kgweetsa ditonki le dipitse ga mmogo le mokoro ke mehuta ya mosepele e e dirisiwang.

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

Facts about Tubu village, Botswana

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 24 November 2007. Retrieved 9 December 2007.
  2. "Facts about Tubu village" (2008). Archived from the original on 05 November 2008. Retrieved 24 November 2022