Westwood International School

Go tswa ko Wikipedia

Westwood International School ke sekolo sa ditshabatshaba se se dirisang puo ya sekgowa go ruta. Sekolo se se kwa Gaborone mo Botswana. Se simolotswe ka ngwaga wa 1988 ka dithuso tsa madi go tswa kwa dipusong tsa mafatshe a America le Britain, a berekisana le lephata la Thuto (Ministry of Education) mo Botswana. Tse di dirisiwang go ruta di tswa kwa America, Britain le Aforika Borwa.[1]

Mogokgo wa sekolo Robert Jones ke motho wa letso la sekgowa go tswa kwa Britain, Mogokgo wa sekolo se segolwane Heidi Cavanagh o tswa kwa Canada, mogokgo wa sekolo se sebotlana Esme De Jafer ke mo Aforika Borwa. Boraro jo bo mo setlhopheng sa baeteledipele ba bagolo.[1]

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Sekolo sa Westwood International School se simolotswe ka ngwaga wa 1988 kgwedi ya Motsheganong ka dithuso tsa madi go tswa kwa dipusong tsa mafatshe a America le Britain, a berekisana le lephata la Thuto (Ministry of Education) mo Botswana.[2]

Thulaganyo ya thuto[fetola | Fetola Motswedi]

Thulaganyo ya thuto ya sekolo se e simolola ka bana ba bannye go tsena ka mophato wa lesome le boraro. Ngwaga e simolola ka Firikgong e fela ka Morule, e kgaogantswe gararo. Setlha santlha ke sa Firikgong go ema ka Moranang, sa bobedi ke sa Motsheganong go ema ka Phatwe, sa bofelo ke sa Lwetse go ema ka Morule.[2]

Dituelo le madi[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga ya 2015 go ema ka 2016, diperesente di le masome a ferabongwe le bosupa(97% )ya dipoelo tsa sekolo ke e e tswang mo mading a a dueletsweng thuto ya baithuti.[2] Dituelo tsa thuto di ntse jaana ka madi a di dolara:

Mophato Madi
kdg - 3 $5,380
4-6 $5,700
7 $7,300
8-9 $8,300
10-11 $9,100
12-13 $9,300

(tshedimosetso e e lolame go tswa ka ngwaga wa 2017) Baithuti ba basha ba duela madi a a kana ka BWP20,000.00 a a sa busiweng, go na le madi a ditlhatlhobo gape.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 "Westwood International School".Westwood International School. Retrieved 2020-05-26.
  2. 2.0 2.1 2.2 Department Of State. The Office of Electronic Information,Bureau of Public Affairs."Botswana, Gaborone: Westwood International School".2001-2009.state.gov.Retrieved 2020-08-22.