Wikipedia:Today's featured article/Lwetse 11, 2022

Go tswa ko Wikipedia
Setshwantsho sa ga Nelson Mandela
Setshwantsho sa ga Nelson Mandela

Nelson Rolihlahla Mandela e ne e le molwantsha-tlhaolele, mopolotiki, o o neng e le tautona wa Aforika Borwa go tloga kwa ngwaga wa 1994 go ya go wa 1999. E ne le tautona wa ntlha wa motho montsho wa Aforika Borwa. Puso ya gagwe e ne e ikemiseditse go tlosa se se dirilweng ke puso ya Apartheid, le go thusa MaAforika Borwa go phela mmogo ka kgotso, le go fedisa tlhophollo ya batho go ya ka mmala wa bona. O ne a le mopresidente wa mokgatlho wa sepolotiki wa African National Congress go tloga 1991 go ya go 1997.

Mandela e ne e le Mothosa wa lolapa la bogosi la ga Thembu. O ne a tsena kwa unibesithing ya Fort Here le unibesithi ya Witwatersand, kwa a neng a ithuta tsa molao. Ga ntse a nna kwa Johannesburg, o ne a nna karolo ya batho ba ne ba ba le kgatlhanong le dipolotiki tsa bokoloniale. O ne a nna karolo ya ANC mme ya nna o mongwe wa batho baba simolotseng Karolo Ya Batsha ya ANC (Youth League). Morago ga gore puso ya Maburu ya National Party e simolole Apartheid, Mandela o ne a nna mokwapele wa motsamao wa kganetse kgatlhanong le Apartheid, mme ya nna moeteledipele wa mokgatlho wa ANC Transvaal. Ga ntse a dira jaaka loyara, o ne a tshwarwa gangwe le gape. Mandela le SACP, ba ne ba simolola setlhopha sa bosole sa Umkhonto We Sizwe (Lerumo la Setshaba). Ka ngwaga wa 1962, o ne a tshwarelwa go leka go menola mmuso mme a iswa kgolegelong bophelo botlhe ka teraele ya Rivonia.

Nelson o ne a nna dingwaga dile 27 kwa kgolegelong, Robben Island kwa tshimologong, mme aiswa Pollsmoor Prison le Victor Vester Prison morago. Gareng ga kgatello ya boditshabatshaba, le go tshaba ntwa ka mo nageng, Mopresidente F.W. de Klerk o ne a ntsha Mandela kwa kgolegelong ka ngwaga wa 1990. Mandela le de Klerk ba ne ba dumelana go fedisa Apartheid, le go dira ditlhopho tsa ntlha mo nageng tsa batho botlhe ba Aforika Borwa, Bantsho le Basweu. ANC le Mandela ba ne ba fenya ditlhopho tsego mme a nna Mopresidente. Puso ya Mandela e ne ya dira molaotheo o mo ntsha wa Aforika Borwa, mme gape ba dira Truth and Reconcilliation Commition go batlisisa ditlolo molao le dikgatako tsa ditokelo tsa botho tse di fetileng.