Wikipedia:Today's featured article/Phalane 21, 2022

Go tswa ko Wikipedia
Moopedi, modiragatsi, mokwadi wa dipina le mmabontle wa Ghana-Aferika Borwa
Moopedi, modiragatsi, mokwadi wa dipina le mmabontle wa Ghana-Aferika Borwa

Adina Thembi Ndamse (o tshotswe ka 3 Phalane) yo o itsegeng thata ka leina la gagwe la boopedi Adina ke moopedi wa kwa Ghana-Afrika Borwa, mokwadi wa dipina, modiragatsi mme ka dinako tse dingwe ke mmabontle.

E ne e le mofenyi wa lenaneo la mmino la Stars of the Future ka 2008. Pina ya gagwe ya borobedi e e bidiwang "Too Late" e ne ya gapa dikgele tse pedi; Pina e dirilweng go gaisa le Moopedi wa mosadi o botoka ka 2018 kwa Ghana. Ka Mopitlwe 2021, o ne a le gareng ga Basadi ba le 30 ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo mo mminong kwa 3Music Awards Women's Brunch.

Adina o simolotse go opela e le mosetsana o monnye. O feditse sekolo se se golwa kwa sekolong se segolwane sa Wesley Girls mme morago nyana a fetela kwa mmadikolong wa Central. E rile a le ngwana a gola o ne a tsenelela mokgatho o opelang wa National Theater kwa a neng a simolola go diragatsa teng.(Pego ye e feletse...)

Dipego tsa malatsi a feteleng: