Wikipedia:Today's featured article/Phukwi 20, 2022

Go tswa ko Wikipedia

Tumelo Manyoni yo o itsegeng ka leina la gagwe la boopedi Mr JazziQ, ke DJ wa Amapiano wa lefatshe la Afrika Borwa gape ke motsamaisi wa direkoto. O itsege botoka ka go nna mo leloko le a neng a le mo go lone pele la setlhopha sa di DJ tsa amapiano, JazziDisciples.

Mr JazziQ o tsholetswe kwa Alexandra gape o goletse teng a nna le mmaagwemogolo fa batsadi ba gagwe ba ne ba nna kwa bokone jwa Johannesburg. O ne a tsena Sekolo se Segolo sa Highlands North Boys mme gape o ne a tsena Crawford Sandton mme moragonyana a ya go tsena kwa Mpura Mpura a neng a tsena sekolo teng. O simolotse tiro ya gagwe ya bo DJ a le dingwaga di le lesome le bone mme a simolola go dira dipina a nale le dingwaga tse di lesome le borataro. O simolotse go dira mefuta e e farologaneng ya mmino kgotsa dipina pele ga a dira mmogo le Josiah, yo a neng a dira amapiano pele ga kgolagano ya bone.

Ka Mopitlo 2020, o ne a ntsha alebamo ya gagwe ya ntlha ya 0303. Alebamo e, e ne e na le dipina tse di e ke metseng ka nosi jaaka "Askies", "Blue Skies" le "Hello MoʹGirl". Pina ya gagwe ya "Askies" e e neng e na le moopedi Moonchild Sanelly le Fake Love e ne ya fiwa gauta ke RiSA. Ka Phatwe 2020, o ne a ntsha EP ya gagwe ya ntlha ya “For The Babies" e e neng e na le baopedi; Kamo Mphela, Lady Du le Londie London. Ka Ngwanatsele 2020, o ne a ntsha alebamo ya “Maba Jabulń Abantu", e e neng e le tirisanommogo ya gagwe le Busta 929 mme e na le diopedi tse di tshwanang le Reece Madlisa, Zuma, Mpura, Riky Rick le 9umber. Ka Ngwanatsele 2020, o ne a tlhagelela mo alebamong ya ga Busiswa ya My Side of The Story mo pineng ya "Makazi".

O kile a tshameka mo thulaganyong ya thelebishene ya mmino ya Channel O, Lockdown House Party le mo karolong ya bofelo ya Idols South Africa Yabo 16.

Ka Ngwanatsele 5, 2021, o ne a ntsha pina ya "Amaneighbour" e e naleng Killer Kau, Reece Madlisa, Zuma le ThackzinDJ. E ne ya fitlhelela #7 mo seromamoweng sa Good Hope FM gape ya fitlhelela #10 mo dipuong tsa House. Morago nyana o ne a ntsha pina ya "Woza" e e neng e na le Lady Du, Boohle le Kabza De Small, mme gape e ne a tlhagelela mo pineng ya ga Felo Le Tee ya "Nje Nje" mmogo le Reece Madlisa, Zuma, Mpura le Kabza De small. Bala di feletse