Bokone Bophirima

Go tswa ko Wikipedia
(Go tswa ko Bokone Bophirim)

Coordinates: 27°S 26°E / 27°S 26°E / -27; 26

Bokone Bophirima
Noord-Wes (Afrikaans)
North West (Sekgoga)
Flag of Bokone Bophirima
Motto(s): 
Kagiso le Tswelelopele (Peace and Prosperity)
Mmepe wa Bokone Bophirima, ka bohibidu
Mmepe o o bontshang profense ya Bokone Bophirima, Aferika Borwa
NagaSouth Africa Aforika Borwa
E Tlhamilwe27 Moranang 1994
MoshateMahikeng
Toropo-KgoloRustenburg
Dikarolwana
Government
 • TypeParliamentary system
 • TonakgoloJob Mokgoro (ANC)
Area
[1]:9
 • Palo gotlhe104,882 km2 (40,495 sq mi)
Highest elevation
1,805 m (5,922 ft)
Ditlhopha tsa Batho
[1]:21
 • Bantsho89.8%
 • Basweu7.3%
 • MaKhalathi2.0%
 • MaIndia0.6%
Maleme
[1]:25
 • Setswana63.4%
 • Afrikaans9.0%
 • Sesotho5.8%
 • Sethosa5.5%
 • Setsonga3.7%
Time zoneUTC+2 (SAST)
ISO 3166 codeZA-NW
Websitewww.NWPG.gov.za

Bokone Bophirima ke nngwe ya Diporofense tsa Aforika Borwa. Mošate wa yona ke Mahikeng. Porofense e e fitlhelwa kwa bophirima ba Gauteng

Segologolo[fetola | Fetola Motswedi]

Bokone Bophirima e ne ya tlhamiwa kwa bokhutlong jwa tlhaolele ka ngwaga wa 1994, mme e akaretsa dikarolo tsa maloba tsa Porofense ya Transvaal le tsa Porofense ya Kapa, le dikarolo tsa Nagalegae ya maloba ya Bophuthatswana. Go ne ga nna le dikhuduego tsa sepolotiki kwa Khutsong (Lekgotlatoropo la Selegae la Merafong City) ka ngwaga wa 2006 le wa 2007, morago ga gore go fedisiwe makgotlatoropo a a kgabaganyang diporofense, mme Lekgotlatoropo la Merafong le fetisediwe kwa Bokone Bophirima gotlhelele. Lekgotlatoropo la Merafong le ne la isiwa kwa porofenseng ya Gauteng ka ngwaga wa 2009.

Molao le puso[fetola | Fetola Motswedi]

Puso ya porofense e akaretsa tonakgolo, lekgotla la bakhuduthamaga ba le lesome, le kgotlapeomolao. Kokoanopeomolao ya porofense le tonakgolo ba tlhophiwa go nna dingwaga di le tlhano mo setulong, kgotsa go fitlha ditlhopho tse di latelang. Mekgatlho ya sepolotiki e newa ditulo tsa lekgotlha go ya ka palo ya ditlhopho tse mokgatlho o di fumaneng mo porofenseng ka ditlhopho tsa bosetŝhaba. Lekgotlha ke lona le tlhophang tonakgolo, mme tonakgolo ke ena a (tlhopang maloko a lekgotla la khuduthamaga (appoint the members of the executive council.)

Tonakgolo ya porofense ya Bokone Bophirima, go tloga ka 21 Motsheganong 2014, ke Supra Mahumapelo[2] wa mokgatlho wa African National Congress. O tlhophilwe morago ga Thandi Modise go nna mo setulong sa botonakgolo morago ga ditlhopho tsa 2014.

Lefatshe[fetola | Fetola Motswedi]

Hamerkop Kloof magareng ga Rustenburg le Tshwane mo dithabaneng tse di lebileng bokone tsa Magaliesberg.

Dithaba tsa Magaliesberg kwa bokone-botlhaba di botelele jo bo ka nnang 130 km  (go lekana le 80 miles) go tloga Tshwane go ya Rustenburg. Noka ya Vaal e elela mo molelwaneng o o kwa borwa ba porofense.

Tsa legodimo[fetola | Fetola Motswedi]

Di-temperature di tloga go 17° go ya go 31 °C (62° go ya go 88 °F) ka selemo, mme go tloga go 3° go ya go 21 °C (37° go ya go 70 °F) ka mariga. Pula mo ngwageng ena dimilimitara dile 360 (360 mm) (go lekana le 14 in), bontsi ba pula e bo na ka dikgwedi tsa selemo, magareng ga Diphalane le Moranang.

Melelwane[fetola | Fetola Motswedi]

Bokone Bophirima bo arologana melelwane le dikgaolo tse di latelang tsa Botswana:

  • Kgatleng – goya bokone-botlhaba
  • South-East – bokone-botlhaba
  • Southern – bokone
  • Kgalagadi – bokone-bophirima

Fa gae, e arologana dibotara le diprofense tse di latelang:

Dimasepala[fetola | Fetola Motswedi]

Porofense ya Bokone Bophirima e na le dimasepala dile 4 tsa sediko, le tse 19 tsa selegae. Di a latela:.

  • Bojanala Platinum District
    • Moretele
    • Madibeng
    • Rustenburg
    • Kgetlengrivier
    • Moses Kotane
  • Dr Ruth Segomotsi Mompati District
    • Naledi
    • Mamusa
    • Greater Taung
    • Kagisano-Molopo
    • Lekwa-Teemane
  • Ngaka Modiri Molema District
    • Ratlou
    • Tswaing
    • Mahikeng
    • Ditsobotla
    • Ramotshere
  • Dr Kenneth Kaunda District
    • Ventersdorp
    • Tlokwe
    • Matlosana
    • Maquassi Hills

Ditoropo[fetola | Fetola Motswedi]

Batho ba ba ka nnang 500,000 le go feta

Batho ba ba ka nnang 100,000 le go feta

Batho ba ba ka nnang 50,000 le go feta

Batho ba ba ka nnang 10,000 le go feta

Batho ba ba ko tlase ga 10,000

  • Mmakau
  • Mothibistad
  • Reivilo

Tsa Madi/Moruo (ikonomi)[fetola | Fetola Motswedi]

 Bridge of Time e lebeletse kwa sentareng ya boitapoloso

Tsa moruo tsa porofense ya Bokone Bophirima di itshegeditse thata mo meepong, go dira seripagare sa Gross Domestic Product ya porofense le go direla nngwe-tharo ya badiri ditiro mo porofenseng. Diminerale tse tona ke gauta, e epiwa kwa Orkney le kwa Klerksdorp, jaanong e leng Matlosane; uranium, e epiwa kwa Matlosane; platinamo, e epiwa kwa Rustenburg le kwa Brits; le ditaemane, di epiwa kwa Ditsobotla (Lichtenburg), Christiana, le kwa Bloemhof. Dikarolo tse di kwa bokone le tse di kwa bophirima ba porofense di na le diruiwa jaaka dinku le dikgomo tse dintsi. Dikarolo tse di kwa botlhaba le tse di kwa borwa ke tse go nang le ditshimo tsa mmopo, go dira bupi, malomo a letsatsi, motsoko, katunu, le maungo jaaka dinamune. Lefelo la go iketla le casino kwa Sun City le Lost City, le tsona di na le seabe mo tsa moruo tsa porofense.

Dipalopalo tsa batho[fetola | Fetola Motswedi]

Palo le kgotlhagano ya batho mo Bokone Bophirima
Maleme a mme, a a kwa pele mo profinseng ya Bokone Bophirima

Bontsi ba batho mo porofenseng ke Batswana ba ba buang Setswana. Ba bang batho ba ba nnang kwa Bokone Bophirima  ba akaretsa BaAfrikanere, BaSotho, le BaXhosa. Sekgoga se buiwa e le loleme la bobedi gantsi mo porofenseng. Bontsi ba batho ke Bakeresete. (Dipalopalo di tswa go Census 2011 di lokolotsweng ka Phukwi 2003).

Go ya ka dipalopalo tsa metse tsa 2007, 90.8% ya batho mo porofenseng ke batho ba ba Ntsho (bontsi ba bua Setswana), 7.2% ke Basweu (Bontsi ba bua Afrikaans), 1.6% ke Coloured , 0.4% ke Asian. Goya ka dipalopalo tsa metse tsa 2007, porofense e e na le batho ba ba fetang dimilione di le tharo (3 million). Batho ba basweu ba porofense ba ntse mo karolong e le ngwe ya porofense, ga ba phatlhalala felo-gotlhe mo go tshwana le batho ba bangwe mo porofenseng. Mo dimasepaleng tse di kwa borwa le tse di kwa botlhaba, palo ya batho basweu kwa Tlokwe (Potchefstroom) le kwa Matlosana (Klerksdorp) ke 27% le 12% ka tatelano.

Porofense e na le palo e e kwa tlase go fetisa tsotlhe ya batho ba dingwaga dile 35 le go ya godimo (5.9%) ba ba nang le dithuto tsa morago ga marema-tlou. Go tloga ka 1994, palo ya batho ba ba fitlhelelang thuto e e kwa godimo e oketsegile. Morago ga go tloswa ga di bantustans, batho ba le bantsi ba ne ba godugela kwa ditoropong tsa moruo tsa Cape Town le Gauteng.

Metshameko[fetola | Fetola Motswedi]

  • Rugby union
    • Platinum Leopards (Rustenburg)
  • Soccer
    • Platinum Stars (Rustenburg)

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 Census 2011: Census in brief. Pretoria: Statistics South Africa. 2012. ISBN 9780621413885. Archived from the original (PDF) on 2018-12-25. Retrieved 2016-03-02.
  2. North West Provincial Government Official Website

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]


Diporofinsi mo Aforika Borwa
Foreistata | Gauteng | Kapa Bokone | Kapa Bophirima
KwaZulu-Natal | Kapa Botlhaba | Limpopo | Mpumalanga | Bokone Bophirima