1999 Air Botswana ATR 42 crash

Go tswa ko Wikipedia

Tiragalo ya 1999 ya Air Botswana, e ne ya diragala fa Chris Phatswe, mokgweetsi wa difofane tsa Botswana a ne a ikgapela botshelo ka go phatlakanya sefofane mo maemelong a difofane mo go neng ga baka le go thula difofane tse dingwe tse di neng di eme kwa Sir Seretse Khama International Airport mo Gaborone, Botswana. Ke ene fela o o neng a latlhegelwa ke botshelo. Ditiro tsa gago di ne tsa baka tshenyegelo e e masisi mo tsamaisong ya ditiro tsa Air Botswana. [1]

Tiragalo[fetola | Fetola Motswedi]

E ne ya re ka Kgwedi ya Diphalane e tlhola malatsi a le lesome le motso, ngwaga wa 1999, Phatswe a tsaya taolo ya sefofane sa Aérospatiale ATR 42-320, se se kwadisitsweng ka A2-ABB, go tswa kwa maemelo difofane a difofane tsa Air Botswana kwa Sir Seretse Khama International Airport. O ne a fetsa di oura di le pedi a dikologa maemelo difofane a bo a leletsa kwa toreng e e laolang mesepele ya difofane a tlhalosa fa a na le maikaelelo a go ikgapela botshelo. Batho ba ne ba tlosiwa mo maemelo difofaneng ele tsela ya go babalela matshelo a bone; e ne ya re morago bapagami ba supa fa go ne ga nna le tlalelo e kgolo kwa maemelong a.Badirelabagolo kwa toreng e e laolang tsa mesepele, ba eteletswe pele ke Mothusa Mookamedi wa sesole sa Botswana wa pele Tebogo Masire, ba ne ba leka go mo gakolola gore a busetse sefofane tlase. Phatswe o ne a gomagometsa go phatlakanya sefofane mo kagong nngwe ya Air Botswana, are o na le sekgopi le baokamedi ba difofane. O ne a laela gore a letlelelwe go bua le Ian Khama, mothusa Tautona wa nako e o, mme ene ya re Badirelabagolo kwa toreng ba mmolellela gore go na le batho mo kagong ya Air Botswana, a fetola mogopolo. Moragonyana a sena go golagangwa le Khama, ATR-42 ya simolola go felelwa ke mafura, ka jalo Phatswe a atlega mo folosetseng sefofane kwa tlase, mme mo boemong jwa go ineela mo go ba tshireletso ya maemelo difofane, a kgweeletsa sefofane ka lobelo lo logolo kwa ntlheng ya difofane tse dingwe tse di neng di eme foo, a thulantsha sefofane se a neng a se gapile le tse dingwe tse pedi tsa ATR-42 mo moleng oo. Difofane tsotlhe ka boraro di ne tsa phatlakana tsa bo tsa tuka, mme Phatswe a tlhoka go tshela. Ke ene a le nosi yo o tlhokafetseng mo tiragalong e. [1]

Difofane tse tharo tseo e ne ele tsone fela tse di neng di bereka ka nako e o mo difofaneng tsotllhe tsa Air Botswana, sefofane sa BAe-146 se ne se sa tsamaye ka ntlha ya tsa se tegeniki ka nako e o. Ka jalo ditiro tsa ga Phatswe di ne tsa baka tshenyegelo e kgolo mo tsamaisong ya difofane tsa lefatshe. [1][2]

Maikaelelo[fetola | Fetola Motswedi]

Gangwe le gape Phatswe o ne a tshosetsa bagolwane ba maemelo difofane, a ba bolelela gore o tla ikgapela botshelo, mme a sa fe mabaka. Ka nako ya tiragalo e o ne a le mo malatsing a boitapoloso a a neng a a filwe ke ba bongaka, ka o ne a sa dira sentle mo ditlhatlhobong tsa botsogo jwa mmele mme ga bonwa fa a sa itakekanela go ka fofisa difofane, ka jalo a se ka a neelwa tetla ya go tsaya sefofane. Go ne ga bolelwa fa badiri ba tshireletso kwa maemelong a difofane ba ne ba le boitseme, ka jalo go ne go le motlhofo gore mongwe o ka utswa sefofane.[1]

Ditsebe tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 "Suicide pilot destroys Air Botswana fleet". BBC Online.11 October 1999.Retrieved 13 January 2016
  2. "ASN Aircraft accident ATR 42-320 A2-ABB Gaborone-Sir Seretse Khama International Airport (GBE)". aviation-safety.net.Retrieved 2019-10-28.

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

AirDisaster.com report on the incident