Air Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Koporase ya Air Botswana ke yone e e letleletsweng ke Goromente wa Botswana go tsamaisa le go okamela mesepele ya difofane mo lefatsheng la Botswana, ntlokgolo ya yone e mo Gaborone. [1] E laola difofane tsa mo gae le tsa mo kgaolong e go tswa kwa e tlhomilweng teng kwa Sir Seretse Khama International Airport. Go na le dingwaga di le mmalwa Air Botswana e sa dire sentle mo go tsa kgwebo, mme go lekilwe makgetho a le mantsi go fetola kompone gore e sa tlhole e laolwa ke puso, le go fetola bagogi le maloko a boeteledipele jwa koporase mme se ga se a fokotsa ditatlhegelo.[2]

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Dingwaga tsa tshimologo (1972-1986)[fetola | Fetola Motswedi]

Air Botswana(Pty) Limited e simolodisitswe ka kgwedi ya Phukwi e tlhola malatsi a le mabedi ka ngwaga wa 1972, e tsweledisa tiro e e simolotsweng ke dikompone tsa difofane tsa sechaba tse di reteletsweng pele ebong: Botswana National Airways go tswa ka ngwaga wa 1966 go tsena ka wa 1969, le Botswana Airways Corporation go tswa ka 1970 go tsena ka 1971. [3] Air Botswana Holdings e ne e tsere maikarabelo a go laola le go etelela pele kadimiso ya difofane le go nna yone e e etelelang pele Air Botswana. mo dingwageng tsa fa e santse e simolola, Air Botswana (Pty) Limited e ne ele yone e tshwereng dikonteraka tsa ditirelo tsa difofane ka bontsi, tse di neng di adimilwe ba South African Protea Airways, ka tiriso ya lekalana la Air Services Botswana.[4][5]

Go fofa ga difofane go simologile ka Phatwe a tlhola gangwe ka 1972, go dirisiwa sefofane sa Fokker F-27 Friendship se e neng ele sone fela sa kompone ka nako eo. Mo dingwageng tsotlhe tsa 1970, Air Botswana ene e na le mosepele wa go ya o boelela mo tseleng ya Gaborone- Manzini-Johannesburg-Harare-Gaborone fa godimo ga mesepele ya mo gae ya go ya Francistown, Maun le Selibe-Phikwe. Fa dingwaga tsa 1970 di ya fifing, Air Botswana e ne e dirisa sefofane se le sengwe sa HS 748, se le sengwe sa Douglas DC-3, le se le sengwe sa Vickers Viscount 754 se se neng se firisitswe mo go ba Protea Airways.[5]

Konteraka ya ba Air Services Botswana e ne ya seka ya ntshafadiwa, mme ya re ka 1981 ba British Airways ba neelwa konteraka ya go tsaya taolo ya difofane tse dingwaga di le thataro. Ka 1981 gape, Botswana Development Corporation e ne ya simolodisiwa ele bontlha bongwe jwa Air Botswana Holdings, mme ya neelwa marapo a go batla sefofane se se ka firisiwang. Sefofane sa Fokker F27 se ne sa tlhophiwa gape, mme ka lebaka la gore ba ne ba tlhaela babereki ba ba katisitsweng, ba ne ba thapa babereki ba Comair mme ba neela ba Safair Freighters konteraka ya go tlhokomela difofane. Ka 1983, sefofane sa Lockheed L-100-30 Hercules se ne sa firisiwa mme Air Botswana Cargo ya simolodisiwa go laola phiriso ya tse di tsayang dithoto. Mme e rile fa South African Airways e emisa ditirelo tsa yone kwa Lesotho le Swaziland, F27 ya bobedi ya rekiwa go isa ditlamelo kwa Maseru le Manzini. Sefofane sa Dornier 228-200 se se nang le ditilo di le lesome le borataro se ne sa firisiwa go tswa mo go ba Kalahari Air Service, ka kgwedi ya Morule a tlhola malatsi a le lesome ngwaga ya 1984.[5] Sir Seretse Khama International Airport, e e lopileng madi a a kana ka di milione tsa di pula dile masome a matlhano le bosupa, e ne ya bulwa ka kgwedi ya Morule e tlhola malatsi a le lesome ka 1984, mme difofane tsa Air Botswana tsa simolola go dirisia maemelo a. [4]E rile ngwaga wa 1986 o ya fifing, difofane tsa simolola go oketsa ditsela mafelo a di yang ko go one ja a akaretsa Gaborone, Francistown, Johannesburg, Harare, Lusaka, Manzini, Maseru, Maun, Selebi-Phikwe le Victoria Falls.[5]

Koporase ya ga Goromente[fetola | Fetola Motswedi]

E ne ya re ka Kgwedi ya Moranang a tlhola gangwe, ka ngwaga wa 1988, Air Botswana ya tsewa ke puso ya Botswana go nna koporase e puso e nang le seabe mo go yone, ka fa tlase ga lephata la tsa Pereko, Dipalamo le Dipuisano, mo ele ka tetla ya molaomotheo wa Botswana wa 1988,[6] mme ya nna yone e e letleletsweng go tsamaisa le go okamela mesepele ya difofane mo lefatsheng la Botswana. [7]E ntse ele ka Moranang ngwaga wa 1988, Air Botswana e ne ya nna kompone ya difofane yantlha mo Southern African Development Coordination Conference (SADCC) go nna le botsalano jwa tsa difofane le lefatshe la Namibia.[8]Ditirelo tsa Air Botswana di mo taolong ya lephata la Civil Aviation le le ka fa tlase ga molaomotheo wa Civil Aviation Act la ngwaga wa 1997.[7]

Difofane tsa ATR 42-230 di le pedi di gorogile ka ngwaga wa 1988, mme morago ga rekisiwa sefofane sa Fokkers, sefofane sa BAe 146 sa ntlha se ne sa goroga ka ngwaga wa 1989 ka kgwedi ya Ngwanatsele. Se ne sa simolola go bereka ka yone Kgwedi ya Ngwanatsele ele malatsi a le lesome le bobedi mo tseleng e e tswang Gaborone go ya Harare, e ne e bereka ga tlhano mo bekeng, mme e berekisana le difofane tsa lefatshe la Zimbabwe le mafelo a mangwe aa mo difofaneng tse di mo borwa jwa Aferika. Fa e ntse e gola, koporase e ne ya tsena mo lenaneong la go tshwarelela setilo le mafatshe a dichabachaba a akaretsa la British Caledonian, le le neng le na le ditilo mo difofaneng tse di tsamaelang tsela ya Lusaka go ya Gaborone.[5]

Ka kgwedi ya Moranang ngwaga wa 1992, Goromente o ne a tlhoma molao wa kiletso go goga motsoko, Air Botswana e nne ya nna yone kompone ya ntlha mo Botswana go tsibogela molao o ka go itsa go goga motsoko mo difofaneng tsotlhe tsa mo gae ka ngwaga wa 1993, molao o ne wa atololelwa mo difofaneng tsa mafatshe a a mo mokgatlhong wa Borwa jwa Aferika (Southern African Development Community) ka ngwaga wa 1995. Le ntswa Air Botswana e ne ya itemogela tatlhegelo mo go tsa madi go tswa ka ngwaga wa 1988 go tsena ka 1993, ka ngwaga wa 1994 puso e ne ya fetolela ditatlhegelo tsa madi a ka nang ka di milione di le masome a supa le bone tsa dipula go a lekalekanya le dipoelo.[7]

Tshenyego ya setlhopha sa difofane[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga ya 1999, kgwedi ya Phalane e le malatsi a le lesome le bongwe, kompone e ne ya bona kgobalo fa mongwe wa bakgwetsi ba difofane tsa yone, Chris Phatswe, a ne a phatlakanya sefofane sa ATR 42 kwa Sir Seretse Khama International Airport, mo go neng ga baka tshenyo ya sefofane seo le difofane tse dingwe tse pedi tsa ATR 42.[9] [10] Phatswe o ne a gapa sefofane seo mo mosong, mme ya re a setse a le mo phefong a tlhagisa ba tora e e laolang mesepele ya difofane gore o na le maikaelelo a go ikgapela botshelo; [11]mme a kopa go bua le batho ba le mmalwa ka seromamowa, go akaretsa le Tautona Festus Mogae le moeteledipele wa kompone ya difofane. Ka Mogae a ne a seo mo lefatsheng la Botswana, dithulaganyo di ne tsa dirwa gore Phatswe a bue le mothusa Tautona Seretse Khama Ian Khama, [9]o o neng a supa keletso ya go bua le Phatswe.[10]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Air Botswana in Gaborone, Botswana". airlines-airports.com. retrieved 2020-05-30
  2. reporter, Portia Nkani-BG, "PEEPA calls for privatisation of Air Botswana - Botswana Guardian". www.botswanaguardian.co.bw. Retrieved 2020-05-29.
  3. Molwelwa, Onalenna (February 2011). "The Future of National Flag Carriers in developing Countries: Air Botswana's Privatisation Struggle". Retrieved 30 May 2020
  4. 4.0 4.1 Dale,Richard (1995)."Botswana's search for autonomy in southern Africa".Greenwood Publishing Group. pp. 102–105, 108. ISBN 0-313-29571-9. Retrieved 14 October 2009
  5. 5.0 5.1 5.2 5.3 5.4 Guttery, Ben R. (1998). "Encyclopedia of African airlines" Ben Guttery. pp. 24–26, ISBN 0-7864-0495-7. Retrieved 14 October 2009
  6. Nagel, Stuart S. (2000). "Critical issues in cross-national public administration: privatization, democratization, decentralization". Greenwood Publishing Group. p.30. ISBN 9781567202991.Retrieved 14 October 2009
  7. 7.0 7.1 7.2 Kaboyakgosi,Gape.(April 2003) "Air and Road Transport in Botswana" . Gaborone. Botswana Institute for Development Policy Analysis. Retrieved 18 October 2009
  8. Kalley, Jacqueline Audrey; Schoeman, Elna, Andor; Lydia Eve (1999). "Southern African political history: a chronology of key political events from independence to mid-1997" . Greenwood Publishing Group. p. 106. ISBN 0-313-30247-2 . Retrieved 14 October 2009
  9. 9.0 9.1 "Criminal Occurrence description" . Aviation Safety Network. 18 November 2005. Retrieved 15 October 2009.
  10. 10.0 10.1 "AB plunged into crisis Pilot destroys aircraft in suicide crash". Botswana Press Agency. 12 October 1999. Archived from the original on 27 April 2006. Retrieved 15 October 2009
  11. "Suicide pilot destroys Air Botswana fleet" . BBC News. 11 October 1999. Retrieved 11 October 1999